Modulasetilo o lekodisa banni ka lenaneo
14 Oct 2015
Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, a re lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong ya Borwa le hira batho ba le dikete di le tlhano, makgolo a le mabedi, masome a ferabobedi le metso ele merataro.
Rre Reatile a re dituelo tsa babereki ka kgwedi ke madi a a fetang didikadike tsa dipula di ferabobedi kgaolo ka bophara fa bathugi mo dikolong tse dipotlana bone ba duelwa madi a a fetang didikadike tse tharo ka ngwaga kgaolo ka bophara.
Modula-setilo o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Nyorosi Botlhaba kwa Kanye ka Mosupologo.
A re ba-na-le-bogole ba le makgolo a le mararo , masome a le mane le metso ele merataro ba tsentswe mo lenaneong la go thusiwa ka makgolo a mararo a dipula ka kgwedi.
Rre Reatile boletse fa bana ba masiela le batlhoki botlhe mo kgaolong ka bophara ba ba fetang didikadike tse di lesome le boraro ba tlhokomelwa ka madi a a fetang didikadike tse di masome a matlhano le borataro tsa dipula.
Mo go tse dingwe, Rre Reatile o lekodisitse banni fa e tlaare mo bogaufing molao wa Khansele o o laolang loruo lo lo tletseng mo motsing, le modumo wa marekisetso a nnotagi, o tsene mo tirisong.
A re fa bogosi bo sena go buisanya le morafe ka molao o, loruo lwa go nna jalo le tlaabo le tsewa go isiwa kwa lesakeng la matimela mme khansele e gwebe ka lone.
A re molao o o tlaa ama khansele potlana ya Kanye le Moshupa fela, ka ke gone kwa gonang le dingongorego tsa leruo lo lo tletseng mo motsing ebile le senyatsa batho.Rre Reatile o tlhaloseditse banni bao fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse jaanong di tsentswe mo molaong o o tsamaisang dikhansele gore go tlhokomelwe tiriso ya madi sentle.
O tlhalositse gore jaanong go mo thulaganyong gore fa go tlhophiwa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, go lebelelwe pele dilo dingwe tse di ka kgoreletsang moikopedi gonna leloko la komiti eo, tse dingwe tsa tsone eleng go tlhomamisa fa moikopedi a sena kamano gope le borukutlhi bope jo bo amanang le madi ebile a se mo dikolotong tse di mo tsoseditseng modumo.
A re baikopedi ba tlaa tsenya dikopo tsa go nna jalo ka mokwalo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gaontebale Lenong o ne a tlhalosa fa mo kgaolwaneng ya bone komiti e tshwaragane sentle le kgosi le mokhanselara.
A re sebe sa phiri ke gore lenaneo la nyeletso lehuma lone le ba beile ka fa mosing k aba sa bone dipe dithuso tsa lone. O iteetse komiti ya gagwe logofi a re e tlhokomela madi sentle a re seo se rurifaditswe ke badupi ba dibuka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Oct 2015






