Breaking News

BAC e rua sekole sa Pilikwe

14 Oct 2015

Sekole sa ithutelo tsa temo thuo sa Botswana Agricultural College (BAC) se ikabetse sekole se sebotlana sa Pilikwe, ka lenaneo la thuto la Adopt A School.

Lenaneo le le tsile morago ga gore puso e ikuele mo setshabeng, dikhamphani, mekgatlho le maphata a a kgonang go tsenya letsogo le go tshwaraganela thuto ya bana ba lefatshe leno e go supegang maduo a yone a wela tlase ngwaga le ngwaga. 

Go supega fa e le sekole sa boraro ba se ikabela. Mo nakong eno ba na le sekole sa Tsetseng mo kgaolong ya Kweneng le  sa Boitumelo kwa Sebele. 

E rile a latlhela la gagwe, Dr Mataba Tapela a supa fa go godisiwa ga BAC go nna unibesithi go ya go nonotsha ditiro le ditirelo tse ba ntseng ba di neela setshaba le bone baithuti.

A re jannong ba ya go ntsha bomma ntswitswidi ba dithutego tsa maemo a a kwa godimo, fela jaaka ba ntse ba dira ba na le dithutego tsa diploma, degree mme jaanong ba ya go nna le tsa masters le yone Phd tota. Le tsone dithuto tsa tlaleletso ba ya go fa baithuti sebaka go di dira, a bo a supa fa ba na le makalana mo Sebele le kwa Lobatse.

O ne a re bone e le ba BAC ba ya go neela baithuti ba Pilikwe bogakolodi ka tsa thuto, ka maikaelelo a gore le bone ka moso e bo e le bo Dr, bomankge ba dithuto. 

Thulaganyo e ya go pateganela sekole le thuto ya bana ba Pilikwe e beilwe monwana ka 2014 ngwaga o fela , a tlhalosa fa ba tswa kgakala le sekole seo ka ba ne ba ntse ba kopanela le bone malatsi a botsalo ja morena ngwaga le ngwaga go ba fa dimpho.

Ene yare a wetsa Dr Tapela a aba dikhumpiutara, go oketsa tse ba neng ba di abetse sekole seo mo dingwageng tse di fetileng, le dibuka tsa bana le tsa barutabana, gammogo le dibolo tsa kgwele ya dinao, bolotlowa, volley ball le matlowa a tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Pilikwe

Event : Adopt a school ceremony

Date : 14 Oct 2015