Ba kgothaditswe go itshetsa ka ditalente
14 Oct 2015
Banana ba kgotla ya Marope kwa Tutume ba rotloeditswe go dirisa ditalente tsa bone tsa bodiragatsi go itshetsa.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Brown Tshosa o ne a rotloetsa banana go fokotsa go ikaega fela ka dithuto tsa bone mme ba di kopanye le ditalente tse ba nang le tsone gore di tle di ba tswele mosola le go ba tshedisa.
O kopile banana go bopa ditlhopha tsa bodiragatsi ka di ka ba tshedisa le go ba ntsha mo mekgwatheng.
Gape o ne a tlhalosa fa bodiragatsi bo akaretsa dilo tse dintsi jaaka mmino, go boka le kopelo mme ba ka inaakanya le tsone go tokafatsa matshelo a bone.
A re o itumelela thotloetso e ba Lephata la Banana Metshameko le Ngwao le e fang banana ka go supa fa ba na le maikaelelo a go godisa bodiragatsi ka ba tsweletse ka go rotloetsa banana go bopa ditlhopha go tsenelela dikgaisano tsa ga Tautona ngwaga le ngwaga.
O tlhalositse fa ba tsere boikarabelo jwa go nna le seabe sa go bopa setshaba ka go rotloetsa tshomarelo le kgodiso ya ngwao.
Kgosi a re o akgola ba lephata leo go bo ba bone go tshwanela gore ba tshwaraganele bogosi jwa motse, a re o dumela gore sengwe le sengwe se ka kgonagala fela fa ba ka tswelela ka go dirisana mmogo go ntsha maduo a a ko godimo mo dikgaisanong tsa ga Tautona gore ditlhopha di kgone go gaisana le tse dingwe go tswa kwa dikgaolong tse dingwe.
O supile fa batho ba motse le bone ba ka thusana le bogosi ka go dira komiti e e ka itebaganyang le go godisa bodiragatsi ka go nna ba dira maitiso ko ditlhopha di ka itshupang teng le go supa bokgoni jwa bone.
A re mo bogompienong, ditlhopha di tlhoka ko ba ka supang bokgoni jwa bone teng mme komiti eo e ka ba thusa mo seemong seo le go godisa bodiragatsi mo motseng.
O boletse fa bodiragatsi gape bo ka dirisiwa go fetisa molaetsa le go rutana ka botshelo mme gape o ne a tlhalosa fa a rotloetsa ba ba setseng ba na le ditlhopha go tswelela ba bereka ka thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 14 Oct 2015






