Sekole sa Maun se agile ntlo
14 Oct 2015
Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o ikuetse mo Batswaneng gore ba tswelele ka go neela ba bangwe seriti ka go ba neela tse ba di tlhokang gore le bone ba ikutlwe e le bontlha bongwe jwa setshaba.
Mothusa tona o buile jalo fa a ne a bula semmuso ntlo ya di kamore tse tlhano kwa kgotleng ya Boseja kwa Maun, e e agilweng ke bana le barutabana gammogo le badiri ba bangwe ba sekole se segolwane sa Maun.
A re go tsaya motho o mmaya kwa pele ga matshelo a gago ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa motho, a tswelela ka gore go thusa motho ke selo se se paletseng ba le bantsi.
Rre Goya, yo gape e leng mopalamente wa Palapye, a re o tshwantshanya badiri bao le mafoko a buka e e boitshepo Baebele a a reng ‘ke ne ke tshwerwe ke tlala mme wa nnaya dijo, ke ne ke tshwerwe ke lenyora wa nnaya metsi, ke ne ke sa ikatega mme wa nnaya diaparo.’
Gape o ne a tlhalosa fa tota malebogo a gagwe a sa lekana, mme a re modimo ke ene a tlaa ba lebogang, a re go thusa motlhoki, mo-na-le-bogole kana motlholagadi ke bontlha bongwe jwa go direla Modimo.
O ba rotloeditse go tswelela ka mowa o montle oo fa ba batla go bona ba gorogile sentle kwa ngwageng o o tlang wa 2016 le gone ba dire go le gontsi gore maduo a bone a bonale gongwe le gongwe.
Rre Goya o tsweletse a re mokwadi mongwe wa maina a Maslow o kile a re go botlhokwa gore motho mo botshelong a nne le fa a tsenyang tlhogo teng, a ba a galaletsa le bone botsadi jwa lekawana le le neng le neelwa ntlo go bo ba sa tlhabiwa ke ditlhong go ya go itsese boeteledipele jwa sekole seo ka mathata a a ba diragalelang.
A re go le gantsi bangwe ga ba bone dithuso ka ba tlhajwa ke ditlhong kana ba re batho ba tlaa reng, a tswelela ka gore go dira jalo ga gona maduo a motho a ka a robang.
Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Selebatso Modiseemang a re e ne ya re ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole e le lesome le motso, ba bona botsadi jwa lekawana le le dirang mophato wa botlhano ebong Kabo Seloka kwa sekoleng go ba itsise fa ntlo e Kabo le bomonnawe ba nnang mo go yone e jelwe ke molelo.
A re ba ne ba ikopanya mme ba reka diaparo mme morago ka e le ba sekole sa badumedi, ba gopola fa go sa lekana.
Mme morago ba ne ba tswa ka mogopolo wa go ba agela yone ntlo eo, mme o tlhalositse fa ba ne ba simolola go kopa dithuso mo dikomponeng dingwe tse di neng tsa reetsa selelo sa bone.O tsweletse a re ba ne ba dirisa babereki ba sekole seo go aga ntlo eo go fitlhelela e felela ba bo ba tsenya motlakase le metsi mo teng.
O ne a tswelela a gakolola botsadi jo bongwe gore e se ka ya re fa ba na le mathata ba bo ba a ipeela ba sa kope dithuso, mme o tsweletse a solofela fa ba tlaa tswelela ba tlhokomela ntlo eo fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Pulo Semmuso
Date : 14 Oct 2015






