Breaking News

Khansele e kopela maloko a PTA dikatso

13 Oct 2015

Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e amogetse mogopolo wa mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu, wa go kopa puso go atswa maloko a dikomiti tsa batsadi le barutabana.

Se, go ya ka mogopolo oo, ke go ba lebogela tiro e ntle e ba e dirang mo go lekeng go tlhabolola thuto.

E ne ya re a ema tshutiso eo nokeng, Mokhanselara Kudzani Tobokwani wa Themashanga a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore lefatshe leno le supe fa le lemoga botlhokwa jwa maloko a dikomiti tseo, mme a supa fa go ba fa lemmenyana e le nngwe ya ditsela tse di ka dirisiwang go supa seo.

Rre Tobokwani o ne a bolela fa go simolodisiwa ga dikatso tsa maloko a dikomiti tseo go ka ba tiisa moko ga ba ga dira gore ba dire le go gaisa ka fa ba ntseng ba dira ka teng mo go betleng bana le mo go thusa dikole go ntsha maduo a mantle.

Mokhanselara wa Senyawe, Rre William Tatose le ene o ne a ema nokeng tshutiso eo, a bolela fa dikomiti tsa batsadi le barutabana di sa le di nnile teng mme seabe sa tsone mo go godiseng mhama wa thuto se sa tshwanela go ka tlodisiwa matlho.

Rre Tatose o ne a supa fa mo nakong eno, maloko a dikomiti di le mmalwa tsa boithaopo ba latlhelelwa sepenyana go thusa go ba tiisa moko mo tirong ya bone.

A re ka ntlha ya se, go thona gore komiti ya batsadi le barutabana yone e bo e santse e ise e akanyediwe le mororo e dira tiro e ntle.

Fa a akgela mo mogopolong oo, mokhanselara wa Masunga Rre Elias Mbonini o ne a kaya fa banni ba metse e e farologanyeng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa le ba supile fa e le keletso ya bone gore maloko a dikomiti tseo a atswiwe.

O ne a tlhalosa gape fa dikatso tseo di ka okela batho ba dikitso tse di rileng mo dikomiting tseo, selo se a boletseng fa se ka tlotlomatsa boleng jwa dikomiti le go di thusa go dira tiro ka bokgabane jo bo fetang jwa nako eno.

E ne e rile a baya makhanselara pele mogopolo oo, Rre Mandevu yo gape a leng mothusa-modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba a tlhalosa fa seabe sa dikomiti tsa batsadi le barutabana se le mo mpaananeng, ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba atswiwe gore ba tle ba tshware tiro ya bone ka mashetla.

 

O ne a re go lebane gore ka fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a tshwarwang ka teng, e nne fela jaaka ba dikomiti tsa batsadi le barutabana le bone ba tshwarwang ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Masunga

Event : Phuthego ya khansele

Date : 13 Oct 2015