Tlhako le molomo e tlhoka tirisano mmogo
13 Oct 2015
Makhanselara a kgaolo-potlana ya Maun a kopile badiri ba lephata la matlhoko a leruo go tlogela go ba leba jaaka baba ba bone. Ba re ba tshwanetse ba ba lebe jaaka bakaulengwe ba ba ka dirisanang le bone segolo jang fa go tla mo dikgannyeng tsa bolwetse jwa tlhako le molomo.
Makhanselara a buile jalo mo phuthegong ya kgaolo potlana ya Maun bosheng fa ba ne ba buisiwa ke bagolwane ba lephata leo.
Ba re kgang ya tlhako le molomo jaanong e tsaya phekelo e sele ka e setse e fetotse barui ba goo Tawana batlhoki.
Mokhanselara wa Boseja, Rre Vepaone Moreti, a re maikaelelo a bone ke go thusana le bodiredi e seng gore jaanong e bo e kete ke baba, a re kana Motswana a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
O bile a kgala bagolwane ba lephata leo a re o ipotsa gore ke eng ka dinako tsotlhe fa diphuthego tsa bone di tsene ba se ke ba iponatsa go tla go ba itsise ka seemo sa bolwetse, segolo jang morago ga ditlhagogo tsa bolwetse tse pedi mo kgaolong le gore bone e le badiri ba tsweletse jang.
Rre Moreti o tlhalositse fa golo moo go le botlhokwa thata ka go ka ba thusa gore le bone ba nne ba itse ka se se dirwang kwa lephateng leo, le gore ba ka thusa jang go na le gore ba nne ba emelwa go bidiwa, a re dikgang di tshwana tsa tlhako le molomo ke dikgang tse di masisi mme di tlhoka therisano.
Mokhanselara wa Sankoyo-Shorobe Rre Oabilwe Chombo e ne o ne a kopa makhanselara a mangwe gore e ne e re fa ba tsena mo diphuthegong tsa go tshwana le tseo, ba nna seoposengwe ba sa lebe sephathi sa bone gore ba kgone go bona dikopo le dikgang tsa bone di tswelela sentle.
A re dilo tsa diphathi ke tsa ba ba setseng ba le kwa ntle kwa ditlhareng mme mo phuthegong ba itse fa jaanong ba sala morago dikeletso tsa batho ka go buwa se se tlaa tswelang mosola ba ba ba tlhophileng mosola.
O tsweletse a kopa bodirela puso jwa matlhoko a leruo gore ba tlhalose ka seemo sa terata kwa Boro gammogo le seemo sa bolwetse kwa dikgaolong tsa Matsaudi le Shorobe.
Mokhanselara wa Boro-Senonnori Rre Kenson Kgaga ene o ne a baya sekai ka kgaolo e tshwana ya Chobe a re dikgomo tsa teng di nwa mo megobeng le dinare mme a re mme ga o ka ke wa utlwa gotwe gona le tlhako le molomo kwa kgaolong eo.
Fa a araba dilelo tsa bone, mogolwane go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo Rre Obed Mabutha a re e re le ntswa bothata bo le teng, fela le barui ba na le bothata.
O ne a tlhalosa ka gore gompieno fa e sale ba baya masole kwa terateng gore ba e tlhokomele, ga ise e kgaolwe ke ditlou, a re seo ka bo sone se supa gore bothata bo teng golo gongwe.
Rre Mabutha o tsweletse a re ba tlaa leka thata go dirisana le makhanselara ka e le bone borara jwa motse.
O ne a tlatsa ka gore o tlhaloganya sentle gore tirisano mmogo eo e ka ba ntshetsa maduo, a re le ene ga a kgatlhwe ke go nna ka nako tsotlhe gotwe bolwetse bo tlhagogile mo kgaolong ka tota a batla gore barui ba kgaolo eno le bone ba imone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Phuthego
Date : 13 Oct 2015






