Makgotlana a thusa sepodise
13 Oct 2015
Bogodu jwa leruo mo merakeng le masimo a a dikologileng Molepolole bo tshwentse setshaba, mme e bile go na le dipelaelo tsa gore dirukutlhi tse di ipopang ka digongwana tse di utswang leruo di dirisanya le bagwebi bangwe ba marikesetso a nama.
Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi kwa Molepolole, Superintendent Tawana Tawana a re mo maitekong a bone a go lwantsha borukutlhi jo, ba dirisanya le makgotla a le mane, a banni ba motse ba ipopileng go thusa mo twantshong ya jone.
A re makgotla ao fa ba leng teng go bonala maduo ka jaana maloko a makgotla ao a ikemiseditse go nna matlho a ba sepodisi, ka jaana fa ba lemoga borukutlhi bo diragala ba kgone go bitsa ba sepodisi ka potlako go tshwara dirukutlhi tseo.
Tawana are leruo le le utswiwang thata ke dipodi, mme le dikgomo di a tle di utswiwe. O bolela fa dipalo di supa gore go tswa ngwaga ono o simolola ka Firikgong go fitlhela ka Seetebosigo, go setse go gaitisitswe dikgang tsa bogodu jwa leruo di le masome a supa le botlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Bakgoeng
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 13 Oct 2015






