Breaking News

A dithuto di dire pharologanyo

13 Oct 2015

Batlhatlhelela dithuto tsa tiro ya diatla kwa sekoleng sa thutelo ditiro ya diatla sa Marobela ba kopilwe go dira ka thata go ntsha dialogane tse di tlaa tsogang di na le bokamoso jo bo ka ba betlelang isago.

Kopo eo e ntshitswe ke mothusa tona, Rre Kgotla Autlwetse fa a ne a etetse sekole seo.  

Rre Autlwetse a re dithuto tse ba di fang baithuti bao di tshwanetse tsa dira pharologanyo mo matshelong a bone, e seka ya nna batho ba ba rweleng ditlankana fela.

A re ba tshwanetse ba dirise thuto e ba e amuleng mo go bone go ka itirela dikgwebo tse di tlaa tsogang di ba tshetsa ka jalo ba tlogele go saila mo mebileng.

Mothusa Tona a re go bo puso e rotloetsa dikole tsa diatla e bile ya bona go le botlhokwa go ka di itsamaisetsa, e lemogile botlhokwa jwa tsone.

O ne a rotloetsa batlhatlheledi bao go tsepama mo go ruteng go ntsha maduo gore batho ba lemoge fa dikole tseo di sa direlwa bana ba ba paletsweng kwa dikoleng kana baithuti ba ba rileng, a re ka seo batho ba tlaa lemoga boleng le mosola wa tsone.

Rre Autlwetse o tlhalositse fa puso e lebanwe ke kgwetlho e tona thata ya banana ba ba gobeyang mo mekgwatheng ba sena mebereko.

O ile a tswelela a supa gape fa go na le bothata jo ba kopaneng le jone fa ba tsaya dikole tseo, a re dingwe ke matlotla le didirisiwa di onetse.

Mothusa tona a re go tla ka tharabololo, go mo dithulaganyong tsa go leka go phutha baithuti go ba rutela golo go le gongwe go fokotsa ditshenyegelo tsa madi.

E ne e rile pele, fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo Mme Ellen Rogers, a bolela fa sekole seo se na le baithuti ba le lekgolo le masome mane le botlhano mme mo go bone ba le masome mabedi le boraro ke batlhoka kutlo.

Mme Rogers o ne a bolela fa sekole se sa dire sentle mo maduong, selo se a kaileng se ka tswa se bakwa ke tlhaelo ya batlhatlhelela dithuto ba ba rutetsweng tiro.

O tsweletse a tlhalosa fa kgwetlho e ba nang le yone e le ya motlakase ka go santse go na le kwa matlo mangwe a borutelo a dibalamakgolo di sa tsenngwang gone.

Mme o ile a supa fa ba na le tshingwana ya merogo go rotloetsa baithuti gore seo e nne bontlha bongwe jwa botshelo jwa bone gore fa ba tshwere ka fa ka diatla ba bo ba na le tshingwana ya kwa segotlong go tsweledisa botshelo pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Marobela

Event : Loeto

Date : 13 Oct 2015