BSB e tla thusa sekole sa Nyamambisi
13 Oct 2015
Botswana Savings Bank (BSB) e itseetse sekole se sebotlana sa Nyamambisi kwa Marobela ba le mo moonong wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso go tsaya dikole go di tlhokomela.
Mogolwane wa banka eo Rre Boikhutso Tekane o buile seo morago ga mogwanto o o duelelwang wa dikhilomithara di le masome mabedi kwa sekole seo.
Rre Tekane a re banka eo ga e a itebaganya le go adimisa le go boloka madi fela, mme ba inaakantse le ditiro dingwe tsa bopelotlhomogi le go thusana le batho mo ditlhabololong.
A re ga se lantlha banka eo e nna le seabe mo ditirong tsa setshaba, ka ba kile ba abela ba Khawa, ba nna le mogwanto o o duelelwang kwa Makgadikgadi mme ka madi ao ba kgona go thusa ba ba tlhokileng lesego.
Rre Tekane o tsweletse a bolela fa tiro ya go ruta bana e le bokete ka jalo e batla tshwaragano ya batsadi le barutabana le setshaba ka kakaretso, a re o itemogetse tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana ba sekole seo.
O ne a tlatsa ka gore batsadi ba bana ba sekole seo ke dinatla, ka jalo a re o dumela le bana ba sekole seo e le dinatla ka ba kwatabolotse mo batsading jwa bone mme seo se tlaa tsisa maduo a a kgatlhisang.
Gape o ile a tswelela a akgola barutabana le komiti ya batsadi le barutabana ba sekole seo go tla ka mogopolo wa go aga ntlo lehala hala, selo se a boletseng se tlaa tsisa pharologanyo mo dikoleng tse dingwe ka e bile dikole ka bontsi di sena nayo.
E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi ya Marobela yo gape a emetseng kgaolo-potlana ya Tutume kwa Ntlong ya Dikgosi, Kgosi Rapelang Khuwe a leboga bao ba ba tsileng ka mogopolo wa go aga ntlo lehala hala, a re a go seka ga felela foo ba tswelele ba tle ka mananeo a a tlaa dirang pharologanyo mo motseng.
Kgosi Khuwe a re puso e le nosi ga e kake ya kgona go dira ditiro dingwe ka lebaka la tlhaelo ya madi, mme a re se ba se dirileng ke go leka go imolola puso morwalo, ka jalo a ba akgola go tswa ka moono o o ntseng jalo.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Lusati Lesetedi o boletse fa sekole seo se santse se dira botoka thata mo maduong a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa, mo ba dikileng ba pasitse thata ka matshwao a a neng a gaisa dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya Tutume botlhaba.
A re seo ke ka lebaka la tshwaragano ya batsadi le barutabana le batho ba motse wa Marobela ba ba nang le lorato la sekole seo
Fa a bua ka maikaelelo a mogwato oo, Moruti Chilume Marape o boletse fa maikaelelo e le go aga ntlo lehala hala e e tlaa dirisiwang ke sekole e le bokopano gape le go tshwarela diphuthego tsa mo sekoleng le tse di kwa ntle tsa setshaba.
Banka eo e ne ya rotloetsa mogwato oo ka madi a P20 000, fa ba Exclusive Insurance Solution ba ntshitse madi a a kanang ka P22 000.
Mothusa tona ya temo-thuo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao ene o itlamile go ntsha P3000. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Marobela
Event : Mogwanto
Date : 13 Oct 2015






