Breaking News

Barui ba gakololwa go tshwaya dikgomo

12 Oct 2015

Barui ba metse ya Takatokwane, Dutlwe le metse e e mabapi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tshwaya, go  tshuba le go jesa leruo la bone omang ka go ka thusa thata mo go netefatseng gore ke la bone fa le utswilwe.

Kgakololo e, e ntshitswe ke mookamela mapodisi a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane mo bokopanong le balemi-barui ba kgaolo e kwa masimong a Sekwakwane gaufi le Takatokwane bosheng.

O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke dikgang tse di tsweletseng tsa go golela pele tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong, mme a supa fa go tlhoka go tlhokomela dikgomo ka go di tshwaya le go di tshuba go na le seabe se segolo mo go oketsegeng ga dikgang tseo. 

Superintendent Maraganyane o tlhalositse fa bontsi jwa dikgomo di sena matshwao le fa e le tshipi gape di sa jesiwa omang mo a reng go dira gore fa magodu a di utswile ba bo ba kgona go falola fa go tsenwa kwa  lekgotleng la ditsheko ka jaana go a bo go sena bosupi.

O tlhalositse fa magodu bontsi jwa nako ba utswa dikgomo tse di sa tshubiwang e bile di sa tshwaiwa, mme a kaela barui gore fa bosupi  jwa omang, tshipi le letshwao di le teng mo leruong, go motlhofo mo go ba sepodisi gore ba lebise babelaelwa molato. 

Superintendent Maraganyane o ne gape a gakolola barui go sala tsamaiso e e lolameng ya go rekisa le go reka leruo la bone, mme a ba tlhagisa ka manweenwee mangwe a a tsietsang baruakgomo fa ba reka dikgomo mo go bone.

A re bareki bao gantsi ba tsaya dikgomo mahala ba tlhalosa fa ba tlaa ba duela fa ba sena go bona dipoelo ka go rekisa dinama tsa dikgomo tse mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko kgotsa ba tsenye barui dingalo pele ga ba bona dituelo tsa bone. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Bokopano

Date : 12 Oct 2015