Go botlhokwa go somarela dithuso
12 Oct 2015
Motho mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go emela botshelo jwa gagwe ka dinao go itsa go direlwa jaaka nama . Go bua jalo Mme Eagisang Metswi wa kgotlana ya Rolong kwa Makopong mo potsolotsong bosheng.
O ne a tlhalosa fa a godile a rata go apaya le go lebelela fa borotho bo tshwerwe ka jalo a nna le kgatlego e ntsi mo go bo direng.
A re o ne a ya dithutong tsa kapei ya teng kwa Kanye mme ya re a tswa koo a palelwa ke go simolola kgwebo ka ntata ya letlhoko la madi a ineetse mo go thuseng go apaya mo meletlong ya motse le ba masika.
O boletse fa a ne a iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2014 mme ka bolesego a atlega .
Mme Metswi o ne a batlelwa phatlha ke ba lenaneo leo mo khanseleng ya go apeela bana ba sekolo sa Makopong se se botlana malatsi a mabedi mo bekeng nngwe le nngwe.
A re o fepa bana ba le makgolo a mane le masome a supa le bongwe. A tlhalosa fa a ne a nna le dikgwetlho mo tshimologong ya kgwebo mme ga tloga ga siama ka a ne a leka ka bojotlhe go dirisanya sentle le baapeyi ba sekolo seo ka e ne e le bone ba ba amogelang dijo.
Mme Metswi o ne a tlhalosa fa tiro ya go apaya borotho e le bokete a re mme ruri go ikisa meriting ga se gagagwe. A re ka lebaka la gore o fepa bana ba sekolo o thapile batho ba babedi go thusanya mmogo.A re mo nakong eno ga a ise a simolole go apaya a rekisetsa morafe ka a ise a nne le lefelo la kgwebo le ntswa a na le setsha.
O tlhalositse fa keletso ya gagwe e le gore mo tsamaong a age boapeelo jo bo phothologileng go kgotsofatsa banni ba motse oo ka ba mo tsentse letsatsi ka lebaka la go tlhoka go rekisa mme a le mongwe fela mo motseng yo o nang le bokgoni le didirisiwa tsa kapei eo.
Mme Metswi re itemogelo ya gagwe mo go itireleng kgwebo e nnile selo se se tona ka a gatetse pele mo botshelong mo a bileng a simolotse go ikagela ntlo.
Ka jalo o ne a gakolola setshaba go somarela dithuso tse ba di fiwang ke puso ka e tlhabolola matshelo a bone.
A bolela fa kgwebo e tlhoka bopelotelele, boitshoko, bonatla le tirisanyo mmogo mo bareking.
O boletse gape gore dikwetlho mo kgwebong ke diemo tse di e godisang le go e tlhatlosetsa kwa godimo ka e le diphoso tse di baakanngwang go tsweledisa.go akgola puso a re e nale tebelopele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : Makopong
Event : Potsolotso
Date : 12 Oct 2015






