Breaking News

Tsie sejo sa bagologolo

12 Oct 2015

Bogologolo e ne e tle e re tsie e umakiwa, batho ba tlale boitumelo ka ba itse fa kgora e tsile. Gompieno ga go a nna jalo ka gore fa e umakiwa, ka bofefo Motswana o simolola go tlalelwa le go tlelwa ke poifo e kgolo.

Bogologolo tsie e ne e tsewa e le sejo sa botlhokwa e bile e ne e bonwa motlha mongwe morago ga lebaka le le leele.

Bagologolo ba re kgorogo ya tsie e ne e tsisa boitumelo mo bathong, go simolole semphete-ke-go-fete. Mongwe le mongwe e le yo o batlang gore e re pele ga e feta a bo a bapetse mesobana e le mmalwa.

Mo motseng wa Tonota mo kgaolong ya Legare, go tsalwa Rre Albert Kgaritlha, yo o dingwaga tse di masome a le bofera-bobedi, mme e bile a itsege thata ka kitso ya gagwe ya setshidi se ba reng tsie.

Mo potsolotsong bosheng, monnamogolo Kgaritlha o tlhalositse fa ka boammaaruri a na le kitso e ntsi ya tsie ka a ne a le motshwari wa yone wa popota mo dingwageng tsa maloba mme o tlhalositse fa mefuta ya tsie e le mene.

“Molome ke tsie e e kima mme ka mmala e le khibidu. 

Segongwana ke tsie e e kaiwang e le bokgwabo mme ka mmala e le bohibitswana jo bo borokwana. 

Jaje ke sehakgale sa tsie ka e kgona go fofa le bosigo, mme yone ka mmala e tshetlha e bo e nna le sehuba se setala. 

Mofuta wa bofelo wa tsie ke o o bidiwang Jajerane. Yone ke tsie ya bokgwabo jo bo feletseng, mme ka mmala e le tshetlhana,” ga tlhalosa Rre Kgaritlha.

A re bogologolo ba ne ba bapala tsie go sa le mo mosong, ba ipopile ka ditlhophana mme a re fa go gorogwa kwa gae ka papadi e, go tlhatlegiwa pitsa mme go thothediwe metsi a se manene mo go yone.

Rre Kgaritlha a re yo o tshwereng kgetsi o tsenya molomo wa yone mo pitseng, a tlhotlhorele tsie ele yotlhe mo teng.

Fa a dira jaana, Rre Kgaritlha a re yo mongwe o a bo a eme gaufi thata ka sekhurumelo gore e re fela yo o tshwereng kgetsi a fetsa a bo a setse a khurumela go thibelela tsie go fofa.

“Setswana se se reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa tota se tswa gone fa. 

Tsie e ne e re e budule ke bo ke e anega kana ke e rafa go dira seshabo sa mosoko. 

Fa gongwe tsie e ne e gakolosiwa, go tlhobiwa diphuka le maroo go beelwa fa thoko,” a tlhalosa.

A re go tsweng hoo go tloge go tsewe metsinyana go pharanngwe mo pitsaneng go tsenngwe letswai, go pharanngwe mafuranyana a dingwe diphologolo tse di giwang mafura jaaka podi, nku, phofu kana thutlwa.

Rre Kgaritlha a re ditlhogo, diphuka le maroo a tsie di ne di kokotlediwa mme morago di feferwe go ntsha diphuka, mme morago ga moo di a thugiwa, go latlhelwe letswai mme ka jalo go dirwe sekome.

O tsweletse ka go tlhalosa gore mo malatsing ano batho ga ba rate tsie ka bangwe ba dumela fa e tsisa lehuma.

A re barui ba dihutshane le bone ga ba rate tsie ka mabaka a gore diruiwa tsa bone jaaka dikgomo le dipodi di felela di sena phulo fa e ntsifetse fela thata mo e leng gore phulo le yone ga e sa tlhole e lekana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lucky Doctor

Location : Tonota

Event : Potsolotso

Date : 12 Oct 2015