Breaking News

Tshwaragano selotlele sa katlego

12 Oct 2015

Mogokgo wa sekole sa Bobonong Junior Secondary School, Mme Grace Mashaba, a re tshwaragano ya batsadi le barutabana ke konokono mo go betleleng bana isago ka go dira gore ba dire sentle le go tlhwaafalela dithuto tsa bone.

Mogokgo o buile se mo moletlong wa kabo dimpho wa sekole se.

Mme Mashaba a re puso e dumela fa tshwaragano ya barutabana le batsadi e ka dira go tlala ka diatla mo go betleng maitsholo a bana le go ba rotloetsa go dira ka natla mo dithutong tsa bone segolo jang ka ketelelo pele ya lekgotla la batsadi, bana le barutabana.

Mogokgo o tlhalositse fa tshwaragano e ka dira gore sekole se ntshe maduo a mantle.

Mme Mashaba o boletse fa sekole sa gagwe se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la boraro ka go tsa maduo a ntlha mo go ntsheng baithuti ba ba ntsi le go tsaya maemo a boraro mo go ntsheng baithuti ba boleng mo kgaolong ya Bobirwa ka ngwaga wa 2014.

Mogokgo a re sekole sa gagwe se dira sentle fela thata mo metshamekong ka ba nale ngwana yoo dirang sente thata mo mabelong ebile a kile a emela lefatshe le kwa Malawi mme atla a gapile seetsele sa bronze.

Mme Mashaba o kopile batsadi go tsenelela diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana ka mmetela gore bat le ba nne le tshono ya go thusa ka dikakanyo ka fa sekole se tlhabololwang le go tsamaisiwa ka teng gore se tswelelepele.

Lefa go ntse jalo mogokgo o  lebogile dikompone tsotlhe tse di dirileng gore moletlo o o atlege segolo jang kompone ya Zac Construction le mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi ba rekileng dimpho tse di neng di abiwa kwa moletlong o ka jalo a di kopa go itlhaopa go tsamaisa sekole sa gagwe mo lenaneong le puso e kopang dikompone tsedi ikemetseng go itlhaopa go tsamaisa dikole ka maiteko ago thusa puso go tlhabolola thuto ya lefatshe leno.

Sebui sa tlotla kwa moletlong o, mogolwane wa kompone ya Zac Construction Rre Thanabalasinham Raveendran o tlhalositse fa kompone ya gagwe e kgatlhala ka go tlhabolola thuto ya lefatshe leno ebile e tlhaloganya kopo ya puso  gore dikompone tsedi ikemetseng di thuse puso ya lefatshe leno go tsamaisa dikole  tsa puso ka puso e supile fa e tlhaelelwa ke madi ago tsamaiso dikole ke ka mong e ntshitseng boikuelo jo.

Mogolwane yo, a re kompone ya gagwe e ne ya itlhaopela go baakanya le go ntsha ditlhare mo mabaleng a metshameko a sekole se ka ba tlhaloganya fa baithuti ba tshwanetse go ikatisetsa metshameko mo mabaleng a a mo seemong se se siameng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Bobonong

Event : Kabo Dimpho

Date : 12 Oct 2015