Breaking News

Batswana ba kopiwa go itshekatsheka

12 Oct 2015

Kgosi Segale Letshele wa Jwaneng o kopile Batswana go itshekatsheka le go fetola maitsholo mabapi le HIV/AIDS.

E rile a bua kwa merapelong kwa kgotleng ya Jwaneng bosheng, Rre Letshele a re batho ka bongwe ka bongwe ba tshwanetse go itshekatsheka go bona gore seabe sa bone ke eng mo go lwantsheng bolwetse jo.

A re puso e dule ka mananeo a go lwantsha mogare wa HIV mme go tlhabisa ditlhong gore Batswana ba bo ba tsenwa ke mogare. A re go botlhokwa gore batho ba nne le seabe se se tseneletseng gore puso e tle e kgone maikaelelo a yone a go emisa go tsenwa ke mogare o mosha.

Kgosi Letshele o tsweletse a tlhalosa fa puso e senyegelwa ke madi mo go thuseng Batswana ka mananeo, selo se a reng se ama ditlhabololo tsa lefatshe leno.

A re dipaltisiso di supile fa bomme e le bone ba amiwang thata ke seemo sa mogare, a tlatsa ka gore mo lefatsheng ka bophara seemo sa mogare se tsamaya kwa go lesome le boferabobedi le sephatlo mo lekgolong , mme mo dipalong tse bomme ba feta masome a mabedi fa borre bone e le go feta lesome le botlhano.

A re toropo ya Jwaneng ke nngwe ya mafelo a mogare o anameng ka dipalo tse di kwa godimo, jaaka go supegile fa batho ba feta lesome le bobedi  mo lekgolong ba na le mogare. A re le gone go ntse go supa fa bomme e le bone ba amilweng thata ke mogare ka dipalo tsa bone di feta lesome le borataro fa tsa borre tsone ele borobabobedi le sephatlo fela.

Rre Letshele o boletse fa dikgang di tshwana le kgokgontsho ya bong le go tlhoka go itseela ditshwetso ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo e le dingwe tsa tse di dirang gore dipalo tsa bomme ba ba tsenwang ke mogare di bo di golela pele. O kopile borre go ema ka dinao go babalela malwapa a bone ka go fetola maitsholo gore lefatshe leno le tle le fenye ntwa kgatlhanong le segajaja se.

A re ere ntswa ngwao e le selo se se botlhokwa mo matshelong a batho, go botlhokwa gore go sekasekwe ditsetlana tsa yone tse di senang boleng e bile di sa age botshelo jwa motho. 

A re nako e gorogile gore ditumelo tse dingwe tsa ngwao di seegelwe fa thoko fa e le gore di tsenya botshelo le botsogo jwa motho mo diphatseng.

O ne tswelela gape a tlhalosa gore e re ntswa dipalo tsa boimana jwa banana mo toropong ya Jwaneng di fokotsegile, palo e e setseng ya borataro mo lekgolong e ntse e a tshwenya ebile e tshwanetse go emelwa ka dinao go e nyeletsa gotlhelele.

 A re ga go a tshwanela gore e bo go santse go na le bana ba ba imang ka jaana go senya bokamoso jwa bone.

O kopile batsadi gore ba bue ba phuthologile ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba bone gore ba ba fe kitso ya boammaaruri.

A re go sa nneng jalo go tlaa dira gore ba anywe kitso e e seng yone mo ditsaleng tsa bone mme ba felele ba le mo diemong tsa boimana gammogo le malwetsi a dikobo a akaretsa HIV/AIDS.

Rre Peter Matthys wa lekgotla la baruti o ne a tlhalosa fa thapelo e le botlhokwa fela thata ka jaana mogare wa HIV e santse e le kgwetlho mo lefatsheng leno. A re bolwetsi bo tsweletse ka go anama ntswa puso e ntshitse mananeo a go bo lwantsha, le mo go one masea a a iseng a tsholwe tota.

A re e le ba dikereke ba bone go tshwanela gore ba etelele tiro ya go nna jalo kwa pele ka maikaelelo a go tlisa tshepho mo morafeng wa Jwaneng gore ntwa e santse e ka fenngwa fa go ka nna le boikgapho le phetolo maikutlo mo go tsa tlhakanelo dikobo.

A re e re ntswa ba rera efangele ya gore Jeso o a fodisa, ba na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore maloko a bone a a mo kalafing ya mogare oo a nwa melemo sentle mme ebile ba setse ditaelo tsa bongaka morago. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Merapelo

Date : 12 Oct 2015