Komiti ya ditlhabololo e kopa thotloetso
12 Oct 2015
Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo ya Taukobong kwa Kanye e kopa thotloetso go tlhabolola tshimo ya merogo.
Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Setoki Mpitsang o boletse fa ba abetswe tshimo ya go nna jalo ngogola morago ga kopo e komiti e e tsentseng kwa go ba kabo ditsha ka ngwaga wa 2013.
A re se, e ne e le maiteko a go rotloetsa banni ba kgaolo go lema merogo le maungo go itshetsa. A re jaanong sebe sa phiri ke letlhoko la madi go e tlhabolola.
A re gape ke keletso ya baagi gore e re mo isagong ba fepe bagodi le ba ba tlhokileng lesego ka merogo le maungo a a tlaa tswang mo tshimong e.
Mme Mpitsang a re tshimo e, e e selekanyo sa ditema tse tlhano, e tlaa thusa bogolo jang banni ba ba senang fa ba ka lemelang teng mo digotlong tsa bone sebaka sa go itemela.
E re ka go twe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, Mme Mpitsang le komiti ya gagwe ba setse ba isitse kopo ya bone kwa khanseleng gore ba thusiwe ka madi le ka boitseanape jwa go dupa mmu le metsi kwa lefelong la tshingwana ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gorata Modisenyane
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 12 Oct 2015






