Maduo a baithuti a tshwenya boeteledipele
12 Oct 2015
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Takatokwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Kgaogano Pagiwa, a re o tshwentswe thata ke go wela tlase ga maduo a baithuti ba sekole seo.
Fa a bua mo bokopanong jwa baithuti ba lekwalo la bosupa, bodiredi jwa boipelego le barutabana, Rre Pagiwa o supile fa ba lebanwe ke kgwetlho ya maduo a a welang tlase ngwaga le ngwaga.
Mogokgo o supile fa se se dirwa ke go tlhoka tshwaragano magareng ga barutabana le batsadi, ka jalo a kopa batsadi go ba ema nokeng ka seo e le thulaganyo e e tsepameng e e ka thusang go tokafatsa seemo sa maduo a bana.
Rre Pagiwa o ne a supa fa mo maduong a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng, bana ba sa dira sentle gotlhelele ka ba tsere 44 per cent mo maemong a A, B le C,mme a kopa batsadi go ikitaya ka thupana go betlela bana ba bone bokamoso ka go ba rotloetsa go ikanya thuto.
E ne ya re a tswa la gagwe, modiredi go tswa mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen Lefifi, a tlhalosa fa ba tshwentswe thata ke dipalo tsa baithuti ba ba tlogelang sekole ntle le mabaka ape.
A re ka jaana thuto e le khumo e motho a ka sekeng a e amogwa ke ope, go botlhokwa gore bana-le seabe botlhe go akarediwa batsadi le barutabana ba nne seopo sengwe go aga bokamoso jwa bana ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba kamoso.
Fa a itebaganya le baithuti, moeteledipele wa mokgatlho wa All Brilliant Minds, Rre Goitsemang Khutsafalo o ba gakolotse go tlhagafalela thuto ka e le selotlele sa botshelo jo bo eletsegang.
Rre Khutsafalo o gwetlhile baithuti bao go baya thuto pele ga tsotlhe,mme a ba kaela gore se ba se dirang mo nakong eno ke sone se se agang bokamoso jwa bone,ka jalo a ba kgothatsa go tsaya maikarabelo ka dinako tsotlhe fa ba tsaya ditshwetso.
O kgothaditse botlhe ba ba golelang mo diemong tse di thata di tshwana le botlhoki le bosiela go tlhaloganya fa seo se ka seke se ba paledise go fitlhelela ditoro tsa bone, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa motho. Ends
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Bokopano
Date : 12 Oct 2015






