Breaking News

Mopalamente o kopa go fefosiwa ga dithuso

12 Oct 2015

Mopalemente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, a re khansele ya Borwa e maoto a tshupa go thusa setshaba ka mananeo a nyeletso lehuma.

Mafoko a gagwe a sala morago matshwenyego a ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama yo e rileng bosheng a ntsha taolo ya gore e re kgwedi ya Ngwanatsele e ya fifing, baikopedi botlhe ba ba kopileng go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ba bo ba thusitswe.

Rre Kesupile o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa  kgotleng ya goora-Mongala kwa Kanye bosheng fa dithuso tsa ditlamelo tsa nyeletso lehuma di le bonya fela thata mo go felelang go kgoba baikopedi marapo. 

O ne a tlhalosa fa boikarabelo bo le mo khanseleng go bona gore ba thusa setshaba ka bofefo.

Mopalamente o ne a supa ngongorego gape ka badirelapuso bangwe ba ba sa tseneng diphuthego tsa dikgotla go araba morafe ka tsamaiso ya ditirelo tsa bone. O ne a tswelela a tlhalosa fa seemo se, se tshwanetse go emelwa ka dinao.

Rre Kesupile o ne a ama kgang ya dituelo tsa ba-na-le-bogole e e saleng e simolotse ka Moranang gore thulaganyo ya teng ke eng le gore dituelo di tsamaya fa kae.

E rile a mo kgwa dikgaba, morulaganyi wa tsa itsholelo mo khanseleng ya Borwa, Mme Keabetswe Kgaswane a  tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tsamaile le dikgotla di le mokawana ba dira ditshekatsheko tsa ba-na-le-bogole. O ne a bolela fa ba-na-le-bogole ba le masome a marataro le bobedi ba tlaa amogela le mororo a ne a sa tsepama gore ke ba le kae ba ba setseng ba thusitswe.

E rile ba akgela, banni ba supa fa ba sa jesiwe diwelang ke go goga dinao ga khansele ya Borwa mo go ba thuseng ka mananeo a nyeletso lehuma. Mongwe wa ba ba neng ba tsene phuthego, Mme Boingotlo Akanyang o ne a bua a rothisa keledi ka fa a tserweng ka teng mo go ikopeleng dithuso tsa nyeletso lehuma.

O supile fa la ntlha a ne a amogetswe, a tsena dithutuntsho, mme ya re morago a bolelelwa fa a tshwanetse go ya kwa go ba boipelego go ya go tsaya lekwalo la gore ga a atlega; selo se a reng se ne sa mo utlwisa botlhoko fela thata.

Fa a araba, Mme Gladys Isaacs, go tswa kwa ofising ya nyeletso lehuma, o ne a tlhalosa fa ba setse ba thusitse baikopedi ba madirelo a a dirang borotho ba le babedi, ba ditiro tsa matlalo ba le bararo le ba madirelo a meriri ba le batlhano. O boletse fa ba santse ba emetse madi a mangwe go thusa ba ba saletseng kwa morago.

Mme Isaacs o ne a kopa ba ba ngongoregang go ikopanya le ofisi ya gagwe go bona thuso e e maleba. 

O ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenngwa thata ke banana bangwe ba ba sa diriseng mananeo a puso e ba a neetseng. O ne gakolola botlhe gore fa ba sa dirise mananeo ao, a tlaa tsewa mo go bone mme a neelwe ba ba a tlhokang. 

Rre Kesupile, o ne a tsibosa morafe ka molao wa makgetho o o amang thekiso ya dikgomo kwa matlhabelong a Botswana Meat Commision gore jaanong barui ba tlaa simolola go duela lekgetho fa ba rekisa dikgomo tsa bone. 

O ne a tlhalosa gore morui mongwe le mongwe o tlaa duela dipula di le nne mo lekgolong e le lekgetho.  

A re barui ba ba rekisang dikgomo di feta makgolo a mararo e tlaa re ngwaga le ngwaga ba makgetho ba ba sekaseke gore ba duele masome a mabedi le botlhano a dipula mo lekgolong e le lekgetho gape. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Mookodi Makhaya

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Oct 2015