Breaking News

Thuto ga e golelwe e tswa maduo

11 Oct 2015

Bagodi ba kgotla ya Matlapana kwa Maun ba re thuto ga e golelwe e tlhabolotse matshelo a bone. Mo potsolotsong bosheng, moithuti, Mme Basinyi Mkumbi a re lenaneo le le mo solegetse molemo ka a setse a kgona go kwala leina la gagwe. 

O tlhalosa gore o setse a kgona go kwalela le bana ba gagwe ba ba berekelang kgakala melaetsa ka mogala wa letheka le go bala fa ba mo kwaletse. 

Moithuti yo mongwe, Mme Tlhalosang Tsele a re o itumelela lenaneo le ka a setse a dira lekwalo la bobedi. 

A re le ntswa a kgonne go fetela kwa lekwalong la bobedi, ga a ise a kgone go kwala le go bala sekgoa sentle mme Setswana le dipalo ga di mo tsenye dingalo go le kalo. 

Mme Tsele a re nako e ba nang le yone ya go ithuta e e leng dioura tse pedi ga e a lekana ka gape e le babereki ba Ipelegeng, mme a re le ntswa a na le ditiro tsa gagwe kwa lwapeng, tiro ya sekole o e fa nako e bile e tla pele ga tsotlhe. 

Morutuntshi, Rre Kebonye Gosekwang, yo e leng monana, a re nako e baithuti ba e filweng e nnye ka bagodi ba tsaya lobaka go tlhaloganya se ba se rutwang. 

A re bagodi bangwe ba nna le ditshwarego mme morago ba boele dithutong ba setse ba lebetse se ba setseng ba se rutilwe, selo se a reng se kgoreletsa tswelelopele. 

O tlhalosa gore nako ya dipula ke nngwe ya dikgoreletsi ka ga go na kwa ba ka tshabelang teng mme ba felele sekole se felele se tswa ka bonako. 

Rre Gosekwang a re o ne a eletsa gore ka e se botlhe ba ba abetsweng mo dithutong tsa go kwala, go ka bo go dirwa gore go nne le thulaganyo ya go rutela bagodi bangwe tiro ya diatla gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone. 

A re le fa baithuti ba sena go fetsa lokwalo lwa bosupa, ba fiwa ditlankana mme ba seke ba fiwe sebaka sa go ka tswelela le dithuto kwa dikoleng tse dikgolwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Carlson Phillip

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 11 Oct 2015