Ba kgaletswe go tlhoka go dirisa sekausu
11 Oct 2015
Le fa seemo sa mogare wa HIV se tshwenya thata, go santse go supafala fa batho bangwe ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa.
Go builwe jalo modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa Mokobeng mo kgaolong ya Tswapong bosheng.
Mme Sennye Gabokgongwe o buile se fa ba ne ba digela tirelo ya kgwedi e e sa tswang go fela ya Lwetse e e neng e tlhomilwe go rapelela mmaba HIV/AIDS, le malwetse a mangwe ga mmogo le go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya bolwetse jo.
Mme Gabokgongwe o kgadile botlhe ba ba sa diriseng ditlamelo tsa puso jaaka dikausu go itshireletsa mo malwetseng a tlhakanelo dikobo.
O buile segolo bogolo ka bolwetse jwa HIV/AIDS a re ga se mafoko a bananyana ba le kwa mantlwaneng ba tshameka a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go tlhabantsha ledimo le le setlhogo le.
A re go mo pontsheng ka dipalo di supa fa banana e le bone ba ba amilweng ke bolwetse jwa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo thata ka jalo ba tshwanetse go itlhokomela ka dinako tsotlhe.
Modulasetilo wa komiti o ne a re go a swabisa mo dinakong tsa segompieno go utlwa batho bangwe ba santse ba ipoka ka mokgwa wa go sa dirisa sekausu.
O tsweletse a gatelela botlhokwa jwa go dirisa sekausu fa e le gore banana ba palelwa ke go itshoka go fitlhela nako ya nyalo, a re mme le fa batho ba nyalane se tshwanetse sa dirisiwa gore bolwetse jo bo nyelediwe gotlhelele.
Moeteledipele yo, o kopile banana go emisa mokgwa wa go nna le bakapelo ba feta bongwe a re seo se borai mo matshelong a bone ka se na le kgonagalo ya go anamisa bolwetse go tswa mo mothong yo mongwe go ya ko go yo mongwe fela jalo.
A re boammaaruri jo bo sa jelweng pheko ke gore maduo a mekgwa eo ke selelo sa khuranyo ya meno fela mo batsading le lefatshe ka kakaretso ka gore go swa badiredi ba kamoso.
Mme Gabokgongwe a re bolwetse jwa HIV/AIDS bo dira gore batho ba tlogele bana e le masiela ka jalo seemo se se tlame puso go tlhokomela bana bao ka go ba tsenya dikole ga mmogo le go ba tlamela ka dijo tsa kgwedi le kgwedi.
Modulasetilo o ne a gakolola banana go etela makalana a botsogo a tshwana le la Tebelopele Testing Centres le dikokelwana tse di gaufi le bone go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS ga mmogo le go tsaya bogakolodi jo bo nonofileng mo baitseanapeng.
A re fa motho a itlhatlhobetse mogare kana a itse seemo sa gagwe o ka tsaya ditshwetso tse di maleba ka dinako tsotlhe go femela matshelo a batho ba a tshelang le bone.
A tshwaela gore motho o ka bona kalafi ka bofefo a ise a koafale thata mme a tlhokafale mo go nametsang ka kalafi ya HIV/AIDS ga e fodise bolwetse joo.
Moruti Ben Molefhe fa a iteela kobo moroko, o ne a re go a gakgamatsa mo malatsing a gompieno a go nang le malwetse a dikobo a maina a mantsintsi gore batho bangwe ba bo ba santse ba kgatlhiwa ke go nna le bakapelo ba bantsi ebile ba sa dirise dikausu.
Moruti o ne a tswelela a supa fa go nna le bakapelo ba le bantsi e le mokang motho a ikatlholelang loso.
O ne a tlhalosa fa puso e dirisa madi a mantsi go reka dipilisi tse di turu tse di ritibatsang mogare jwa HIV/AIDS ka jalo ditiro tse dingwe tse di botlhokwa tsa puso di salela kwa morago.
Moruti Molefhe a re banana ka e le babusi ba kamoso ba tshwanetse go dira dilo tse di siameng go supa fa e tlaa nna bagogi ba ba nonofileng ba ba sa amiwang ke bolwetsi jwa AIDS.
O ne a kgala tiriso nnotagi e e kwa godimo a re le yone e na le seabe mo kanamisong ya malwetse a a borai a tlhakanelo dikobo mme a kopa setshaba go itekanyetse dino gore ba kgone go laola maikutlo a bone.
Motuti o ne a kopa banana ba basetsana gore fa ba ya maitisong ba tsamaye le batho ba ba ba itseng go hema seemo se motho a tlaa tseelwang dikobo ka dikgoka ke motho kana batho ba a sa ba itseng, gongwe ba felele ba mo tsentse mogare fa a ne a sena nao.
Borre le bone ba kgothaditswe go tlotla le go itse fa bana ba basetsana e le bokgaitsadiabone, e bile ba tshwanetse go ba sireletsa ka dinako tsotlhe.
O ne a kopa batho go tsaya matshelo a bone ka tlhwaafalo a supa fa mmele wa motho e le tempele ya Modimo, ka jalo e tshwanetse go sirelediwa mo malwetseng kana tiriso botlhaswa epe fela.
Moruti Molefhe o ne a gakolola banana ba motse oo go ka ikanya mo Modimong gore o kgone go ba kaela tsela ya boammaaruri ga mmogo le go retolola dipelo tsa bone gore ba tle ba dire tse di molemo tse di ka bolokang matshelo a bone ka bo sa khutleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomotse Johannes
Location : Mokobeng
Event : Bokopano
Date : 11 Oct 2015






