Kebonang o rotloetsa tshwaragano
11 Oct 2015
Mopalamenete wa Lobatse, Rre Sadique Kebonang, o rotloeditse setshaba go nna le mowa wa tshwaragano a re seo se ka thusa go aga setshaba se se itekanetseng e bile se melediwa mathe ke ditshaba tsa mafatshe a mangwe.
Rre Kebonang o buile jalo bosheng a amogela molelo wa kgolagano kwa Lobatse, morago ga letsatsi go tswa kwa gaMalete a tlhalosa fa molelo o wa kgolagano e le sekano sa go ipelela tsotlhe tse leaftshe la Botswana le di kgonneng morago ga go tsaya puso mo go Mmamosadinyana.
Ka jalo o ne a gwetlha setshaba go bopagana gore go rene kagiso le thokgamo go tila madubedube a dikgoberogo tse di ka bakwang ke dipharologano tsa sepolotiki tse a tlhalosang fa di ka phutlhamisa maiteko a go isa lefatshe kwa pele.
Fa a leboga, mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena o ne a leboga baeteledipele botlhe ba toropo eo le setshaba ka kakaretso go sa ipona tsapa, go tsaya karolo mo tirong e e hapegileng eo.
Rre Mokwena o boletse gore toropo ya Lobatse e lesego ka gore e amogetse lebone le la kgolagano le santse lele lesha , a tlatsa ka gore le tlaa tlogela tsotlhe tse dintle le thokgamo e e tlaa fitlhelwang ke bana le dikokomane mo isagong.
Mokwaledi wa khansele ya toropo ya Lobatse Mme Boikhutso Matenge o supile fa letsatsi le le faphegile ka gore molelo o tlaa tlogela lesedi mo toropong jalo lesedi le le phatsime go ya go ileng, le tswerwe e le la botshelo mme go ntse go gopolwa Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Kamogelo ya Molelo wa kgolagano
Date : 11 Oct 2015






