Jacobs o ikanya thuto
11 Oct 2015
E le ruri thuto ke boswa jo ope a ka se keng a bo tsaya mo mothong yo mongwe.
Mafoko a ke a a builweng ke Rre Giel Jacobs, moithuti mo sekoleng sa thuto-ga-e-golelwe kwa Tsabong mo potsolotsong bosheng.
Rre Jacobs yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa yo o tlholegang kwa Gakhibane mo Kgalagadi o supile fa go sena sepe se a se itumelelang mo botshelong jwa gagwe go gaisa go ithuta go bala le go kwala.
E re ka bogologolo Motswana a ne a ikaegile ka temo le thuo, Rre Jacobs a re o ne a tlogela sekole a dira lekwalo la bone.
“Go tlogela sekole o ne a ya go tlhokomela leruo go sena mathata ape jaanong diemo tsa botshelo di fetogile ke ka moo ke neng ka tsaya kgato ya go boela sekoleng ka ngwaga wa 2011,” go kaile jalo Rre Jacobs.
Go boela sekoleng, go ya ka Rre Jacobs, ke kgatelopele e e seng kana ka sepe, e bile a re o ikemiseditse go tswelela le dithuto tsa gagwe go ya go ileng.
O tlhalositse fa a rutiwa dipalo, puo ya Setswana le sekgoa mme ene tsa gagwe tsa mmamoratwa e le sekgoa le dipalo.
A reba rutwa gape le melodi ya dinnoto mme seo se mo itumedise ka ba fiwa sebaka sa go lapolosa tlhaloganyo le gone go itsane botoka ene le baithuti ka ene.
Rre Jacobs a re dithuto tsa thuto-ga-e-golelwe di botlhokwa ka di bula bagolo matlho le gone go ba fa seriti sa gore ga ba kgaphelwe ntle ka tsela epe ka go tlhoka go sa itse go bala le go kwala.
A re o ne a fiwa sebaka sa go ithuta sebala makgolo ka thulaganyo ya Sesigo e e fitlhelwang kwa metlobong ya dibuka ka thotloetso ya lephata la banana, metshameko le ngwao.
Rre Jacobs a re malatsi a gompieno go a tlhokafala gore mongwe le mongwe a bo a ka kgona go ipalela le gone go kwala tota.
“Ke kgona go ipalela e bile ke itse dinomore tsa karata ya me ya Omang ka tlhogo,” go buile jalo Rre Jacobs.
Fa a tswa la gagwe morutabana wa ga RRe Jacobs Mme Lorraine Gaelesiwe o kaile fa a simolotse go mo ruta ka ngwaga wa 2011 mme e le moithuti yo o tlhaga thata. Mme Gaelesiwe o supile fa seo se mo itumedisa thata ka gantsi bontsi jwa nako borre ba le maoto a tshupa go tsena sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 11 Oct 2015






