Breaking News

Tlhaelo ya dihutshane e dia banni go akola lenaneo

11 Oct 2015

Mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsisitse tsholofelo mo malwapeng ka bontsi.

Bangwe ba ne ba tletse ka monyenyo gore jaanong matshelo a bone a tlaa phatsima, mme go lebega dilo di sa tsamae jaaka bontsi bo ne bo eleditse. 

Banni ba  Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa ditoro tsa bone di fifala ka bonya ka bonya segolo jang baikopedi ba lenaneo la dipodi la LIMID.

Mongwe wa baikopedi, Mme Kulekani Muchumaeli, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe o tlhalositse fa a ne a ikopetse go thusiwa ka dihutshane ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phalane. A re morago ga gore kopo ya gagwe e atlege, o ne a fiwa lekwalo la gore jaanong a rwale ditlhako go batla dihutshane.

Mme Muchumaeli yo o neng a solofetse go le gontsi mo thuong e, o tladitse ka gore o setse a tlelwa ke mowa wa boitlhobogo ka a tlhokile dihutshane mo motseng wa gaabo ga mmogo le e e mabapi. A re lekwalo leo le mo tlhaloseditse gape fa kopo ya gagwe e mo fa sebaka sa dikgwedi tse thataro e seng jalo ga a na go bona thuso eo.

O tsweletse a re karabo e a e fiwang ke barui, ke gore dipodi mo nakong ya gompieno di a lwala ka jalo ba ka seke ba kgone go mo rekisetsa mme jaanong a sa itse gore tsela pedi o tsaya efe ka tota a sa batle toro ya gagwe e fifala mo matlhong a gagwe. A re o na le bana ba le bane mme e bile o ne a ikaeletse go ba beela ntlo ka matsana a a neng a tlaa a bona mo thuong ya gagwe.

Mme Muchumaeli yo o dirang mo lenaneong la go thusa go lwantsha borukutlhi a re ga a bone boroko ka a setse a sa tlhole a itse gore tota dihutshane o ka di bona kae.

E rile a tswa la gagwe, Mme Ivy Motshosi, yo le ene a setseng a sa itse gore a tshware kae a re thuo ke selo se a tswang kgakala le sone. A re o goletse mo lelwapeng la balemi-barui mme jaanong letlhoko la dihutshane le lone le tlaa phirimisa ditoro tsa gagwe tsa go nna molemi-morui jaaka batsadi ba gagwe.

A re maikaelelo a gagwe e ne gape e le go tokafatsa itsholelo ya gagwe mme seo ga se tsamae jaaka a ne a eleditse.

Mme Motshosi a re o ne a ikopetse dihutshane tseo ngwaga o o fetileng mme e bile o tshogetse gore ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o o tlang, fa e le gore o tlaa bo a ntse a ise a bone dipodi tseo kopo ya gagwe jaanong e tlaa bo e sa bereke mme a tshwanelwa ke go ikopela sesha le ntswa a sa itse gore karabo o tlaa  e bona leng ka baikopedi ba setse jaanong ba le bantsi.

Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane o tlhalositse fa tlhaelo ya dihutshane e dia lenaneo go gola ka bontsi bo santse bo ise bo bone dipodi tse ba di kopileng. A re mo motseng wa gagwe baikopedi ba lenaneo le ba feta lesome mme matshwenyego a gagwe ke gore ba ya go bona kae dihutshane ba le palo e ntsi jalo.

Kgosi Mudongo o tlhalositse fa ditoro tsa ba le bantsi di tla fifala ntateng ya letlhoko la dihutshane, bangwe nako e ba e beetsweng e setse e atamela mme ba ise ba bone dithuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Nlapkhwane

Event : Potsolotso

Date : 11 Oct 2015