Breaking News

Montsho o itsetsepetse ka lenaneo

11 Oct 2015

Mme Phenyoyaone Montsho wa kgotla ya Mmaseetsele kwa Moshupa o tsibogetse lenaneo la nyeletso lehuma ka go itshimololela kgwebo ya go apaya borotho a dirisa onto. 

O tlhalosa fa a simolotse kgwebo e ka ngwaga wa 2013 ka kgwedi ya Lwetse. Pele ga go simolola kgwebo, Mme Montsho o ne a ya ikatisong e e neng e rulagantswe ke ba  lephata la boipelego sebaka sa kgwedi kwa a neng a rutwa ka kapei ya borotho le tiriso ya onto.  

Mme Montsho o apeela go rekisetsa setshaba le bana ba sekole se sebotlana sa Mosielele kwa Moshupa. O fepa sekole se ka dilofo tse di masome a mane ka Labone beke nngwe le nngwe. 

A re o lebogela lenaneo le ka le mo thusa go itshetsa e bile kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata. A re se e ka tswa e le ka gore o direla gaufi le diofisi tsa khansele-potlana ya Moshupa le tsa lephata la kabo ya ditsha. 

Mme Montsho a re bareki ba gagwe ba supa fa ba rata borotho jwa gagwe ka ntlha ya gore bo apeilwe ka molelo wa dikgong,mme go dire gore bo nne le lenko le tatso e e monate.

O kaile seemo sa loapi, bogolo jang dipula, e le kgwetlho ka a sena se a sireletsang onto ya gagwe ka sone. Kgwetlho e nngwe e a nang le yone ke ya letlhoko la dikgong. 

A re dikgong ga di bonale motlhofo mme e bile di le turu fa di bonalang teng. Letlhoko le la dikgong, le dirile gore Mme Montsho a kabakanye tiriso ya dikgong le dibi. A re o eletsa gore mo isagong a ntsifatse dionto tse a apayang ka tsone gore kgwebo e tle e golele pele a bo a kgone go thapa badiri ba le mmalwa go lwantsha lethoko la tiro. 

Ka nako eno, Mme Montsho o dira ka modiri a le mongwe.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tefo Koontse

Location : Moshupa

Event : Potsolotso

Date : 11 Oct 2015