Ba rotloediwa go tlhagafalela thuto
11 Oct 2015
Baithuti ba lekwalo la bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go itse fa go le mo maruding a bone go itirela bokamoso jo bo phepa ka go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo.
E rile a ema baithuti ka lefoko la kgothatso, moeteledipele wa mokgatlho wa All Brilliant Minds o o itebagantseng le go tlhabolola maduo a baithuti mo dikoleng tsa lefatshe leno, Rre Goitsemang Khutsafalo, a supa fa botshelo e le kgwetlho mme go ikanya thuto e le yone fela tsela e e ka bulelang motho dikgoro tsa botshelo.
Rre Khutsafalo o boletse fa motho ka boene a ka ikgethela gore o batla bokamoso jwa gagwe bo nna jang, ka go tsaya ditshwetso tse di maleba ka nako ya gagwe ya bonana le go ikgapha mo go tsotlhe tse di ka mo senyetsang bokamoso tsa ba tsa mo digela ka lemena.
O kgothaditse botlhe ba ba golelang mo diemong tse di thata di tshwana le botlhoki le bohutsana go tlhaloganya fa seo se ka seke se ba paledise go fitlhelela ditoro tsa bone, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa motho.
Rre Khutsafalo o tsweletse ka go lemotsha baithuti fa e le bone ba ka fetolang seemo sa itsholelo ya malwapa a bone, mme a ba gwetlha go nna le toro ya gore ba batla go nna eng mo botshelong le go itse lebaka la gore ke eng ba tsena sekole.
E ne e rile go le pele, mogokgo wa sekole seo, Rre Kgaogano Pagiwa a tlhalosa fa sekole seo se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya kwelotlase ya maduo a baithuti, selo se a reng se bakiwa ke go tlhoka tshwaragano magareng ga barutabana le batsadi ba baithuti.
Rre Pagiwa o ne a supa fa mo maduong a lokwalo lwa bosupa a ngwaga o o fetileng ba sa dira sentle gotlhelele ka ba tsere 44% mo maemong a A, B le C, mme a kaya fa go tlhokana le gore batsadi ba ba eme nokeng ka seo e le thulaganyo e e tsepameng e e ka thusang go tokafatsa seemo sa maduo a bana.
E ne ya re a tswa la gagwe, modiredi go tswa mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen Lefifi a tlhalosa fa ba tshwentswe thata ke dipalo tsa baithuti ba ba tlogelang sekole ntle le mabaka ape.
O boletse fa ba leka ka bojotlhe go leka go lemotsha baithuti ka bomosola jwa thuto ka jalo ba bone go le maleba go rulaganya letsatsi le le itebagantseng le go fa baithuti ba lokwalo lwa bosupa lefoko la kgothatso pele ga ba ka kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa lokwalo lwa bosupa.
A re ka jaana thuto e le khumo e motho a ka sekeng a e amogwa ke ope, go botlhokwa gore ba-na-le-seabe botlhe go akarediwa batsadi le barutabana ba nne seopo sengwe go betlela bana bokamoso ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba kamoso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Tsatsi la kgothatso
Date : 11 Oct 2015






