Breaking News

Bopelotelele bo aga kgwebo

11 Oct 2015

Go rekisa ditlhare, fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe go tlhoka bopelotelele le lorato.

Monni mongwe wa  Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Anah Malambani, o tlhalositse mo potsolosong bosheng gore o simolotse kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2008 mme lerato la gagwe mo ditlhareng ke lone le mo gogetseng go tsena mo kgwebong ya go jwala le go rekisa ditlhare.

A re e ne ya re a ntse a tsweletse le kgwebo ya gagwe, a ikopanya le bomme bangwe ba le bararo ba le bone ba leng mo kgwebong ya go rekisa ditlhare mme ba tlhama mokgatlho o o bidiwang Milidzani.

Mme Malabani a re mokgatlho wa bone o ne wa ikopanya le lephata la dikgwa mme ba romelwa kwa lekalaneng la impala go ya go oketsa kitso e ba neng ba na le yone mo go jwaleng le go tlhokomela ditlhare. 

A re o nosetsa ditlhare malatsi otlhe mo maitseboeng, e bile o di lekola gangwe le gape. O ne a tlhalosa fa a sa bona dithuso gope mabapi le go simolola kgwebo ya gagwe, a tlatsa ka gore e re le fa gone kgwebo ya gagwe e na le dikgwetlho dingwe tse e kopanang natso, fela o itumelela go bo e mo fa sengwenyana se a kgonang go itshetsa ka sone.

Mme Malambani a re kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwebo di le mmalwa tse di akaretsang diji, letlhoko la mmaraka, go tura le go tlhaela ga metsi, a re metsi a kgona go tsaya malatsi a le mmalwa a seyo kwa motseng oo, mme seo se beye ditlhare tsa gagwe ka fa mosing ka go tlhoka go nosediwa.

A re le ntswa a kopana le dikgwetlho tseo, seo ga se kake sa mo dira gore a lape pelo mo go tswelediseng le go godisa kgwebo ya gagwe, a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile e na le setsha se e direlang kwa go sone go na le go direla mo lwapeng.

O ne wetsa ka go gwetlha Batswana ba bangwe, ba ba santseng ba itekanetse go ema ka dinao, go itirela sengwe mo botshelo se ba ka itshetsang ka sone go na le go ikaega ka puso fela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mambo

Event : Potsolotso

Date : 11 Oct 2015