Molelo o kwa Lobatse
09 Oct 2015
Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, o gwetlhile banni ba toropo ya Lobatse go nna le seabe mo go tswelediseng ditirelo tse di ka thusang go tlotlomatsa serodumo sa puso ya lefatshe le.
O buile se bosheng fa a amogela molelo wa kgolagano go tswa kwa baeteledipeleng ba Balete go tsweledisa leeto la malatsi a le makgolo a mararo le masome a marato le botlhano go ralala lefatshe go ipaakanyetsa moletlogadi wa boipuso jwa ngwaga wa 2016.
Botswana o tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa.
Mme Kruger o gakolotse setshaba go tsenya letsogo go ntsha ditirelo tse di tlaa isang Botswana kwa pele.
O tlhalositse fa lefatshe leno le na le meamuso jaaka meepo ya ditswammung tse a tlhalositseng fa itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka tsone go ntsha ditirelo di tshwana le ditsela le dikokelo mme a ba kopa go ntsha ga tshwene go oketsa ditirelo tse di setseng di thailwe a re seo se ka ba baya mo maemong a mantle a go ka ipelafatsa ka lefatshe la bone mo mafatsheng a mangwe.
Mme Kruger o gwetlhile setshaba go nna le seabe go na le go nna bo majapolaelo ka jalo a ba gwetlha go tsaya karolo mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.
A re molelo ke sekao sa go phatsimelwa ke lesedi ka jalo a gwetlha setshaba go bopagana gammogo le go nna ka kagiso le thokgamo mo lefatsheng go ipelela go dira ka bonatla le botlhaga jwa babusi ba bone ba dingwaga tse di fetileng.
A re molelo wa kgolagano o tlaa nonotsha tirisano mmogo gareng ga merafe go netefatsa fa ba le mo maikaelelong a go babalela lefatshe leno le go le godisa go ya isagong.
A re setshaba sa Botswana se agetswe mo lefikeng la tumelo ka jalo, a ba gwetlha go eteletsa Modimo pele mo matshelong a bone go nna tshaba e e tshelelang mo kagisong le thokgamo gammogo le go alosa baeteeledipele ba ba nang le tebelopele go ka aga lefatshe le le nang le tsamaiso e e tsepameng.
Fa a leboga, mothusa mmatoropo ya Lobatse, Rre Francis Mokwena o ne a lebogela mowa wa tirisano mmogo go tswa kwa baeteledipeleng ba morafe wa gaMalete mme a ba solofetsa fa bagogi ba toropo ya Lobatse ba tlaa tsweledisa mosepele wa molelo wa kgolagano ka thulaganyo e e manontlhotlho.
O ne gape a lebogela tshologelo ya banni ba Lobatse kwa kamogelong eo ya molelo mme a ba gwetlha go tsweledisa mowa wa neelano le tirisano mmogo le setshaba ka kakaretso ka maikaeleo a go isa Botswana pele.
Molelo o wa kgolagano o ne wa ralala toropo ya Lobatse go simolola kwa Palamenteng ya ntlha ya lefatshe leno, sepatela sa Athlone, BMC, poso, le kgotla ya Peleng.
Go tlhalositswe fa o tlaa nna mo Lobatse malatsi a le mararo o ntse o amoganwa ke makgotla ka go farologana go fitlhela o tla o rolelwa ba kgaolo ya Good Hope-Mabule. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Lobatse
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 09 Oct 2015






