Tshomarelo tikologo boikarabelo jwa botlhe-Nkwane
08 Oct 2015
Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi Borwa, Rre Justice Nkwane, o kopile Batswana go tsaya maikarabelo a go tlhokomela tikologo. O buile se kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshe-fatshe la phepafatso tikologo kwa Werda.
Mokhanselara Nkwane a re letsatsi leo, le ne le tsibosa batho go itshekatsheka gore ba dira pharologanyo efe mo tikologong e ba nnang mo go yone, le gore a pharologanyo ke e e eletsegang kgotsa nnyaa.
O supile fa puso e leka ka thata go lwantshana le dikgang tsa phepafatso tikologo le botsogo, mme a re sebe sa phiri ke gore go santse go na le bangwe ba ba santseng ba dumela gore phepafatso tikologo ga se kgang e e ba amang ka gope.
O ne a rolela hutshe bagwebi ba ba botlana ba ba dirisang gape matlakala go ba solegela molemo ka go dirisa mangwe a one mo tirong ya diatla, a supa fa ba tsentswe mo thulaganyong ya letsatsi go tla go akgolelwa tiro ya bone.
Mokhanselara Nkwane a re mekgwa e tshwana le go tshuba matlakala mo go sa laolesegeng e bile go sena kelelelo, go gasa gasa matlakala, go utswa le go senya diterata tsa mafelo a tlhokomelo matlakala le e mengwe go kgotlela tikologo le gone go baya batho le diphologolo mo diphatseng.
Khansele e thapile babereki ba le masome mabedi le motso go tsaya matlakala ka dikotsekara tsa ditonki, ba tshwaraganetse tiro le badiri ba le lekgolo le masome a mabedi le bosupa ba ba hirilweng ka lenaneo la Ipelegeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : Werda
Event : Moletlo
Date : 08 Oct 2015






