Breaking News

Itshidilo mmele e tokafatsa maduo

08 Oct 2015

Boitekanelo mo tirong bo tlhoka itshidilo mmele ka dinako tsotlhe gore le one maduo  e nne a a kwa godimo. Se, se tlhalositswe ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya, kwa diofising tsa  lephata la temo-thuo. 

O ne a etetse koo go a kgolela badiredi go bo ba bone go tshwanela go simolodisa ditlhopha tsa kgwele ya dinao ya bomme le borre mo tirong ka maikaelelo a go itshidila mmele.

 E ne ya re go bona maiteko ao, a  ba abela kapari ya  kgwele ya bomme le borre  e le go ba rotloetsa gore ba seka ba kgobega marapo, mme a re seo ke go ba tiisa moko go dira ka bojotlhe mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi.  

A re ba ba seng mo go tsa dibolo le bone ba ka inaakanya le itshidilo ya go nna ba tsamaya gore mmele o sidilege, mme a re ba seka ba inaakanya le kgang ya go palama lentswe a re e ya re kgabagare motho a setse a godile a bo a palelwa ke mangole. 

A re tiro ya bone ya temo-thuo e tlhoka itshidilo mmele ka e dirisa masheta a mantsi go na le bao ba ba nnang mo diofising, a supa fa gape e ba thusa ka go le gantsi ba tshwara ka diatla, a re e tlhoka boitekanelo jo bo tseneletseng.  

 O ne a itumelela le gore bomme le bone ba dirile setlhopha sa kgwele ya dinao, a re gape ba dira tiro e ntle ya tshidilo maikutlo, a gantsi a bakiwang ke botsogo kana go sa itumeleng kwa malapeng le bone bana ba ba senang tsebe tota. 

O ile a re malatsing ano itshidilo mmele ke yone konokono ya botsogo ke gone ka moo puso e duleng ka mogopolo wa go e simolodisa mo makalaneng a puso a a farologaneng.  

 Mothusa molomaganya ditiro tsa kgaolo ya Legare mo go tsa temo-thuo Rre Moagi Sinombe le ene o ne a re kgwedi e nngwe le e nngwe ya Phalane badiri ba lephata ba a kopana go tshwara dikgaisano tsa itshidilo mmele tsa kgaolo.   

 Mo go tsone dikgaisano tseo go nna le dithuto le dikgakololano  ka tiriso ya madi, maikaelelo e le gore batho ba itse go dirisa bonnye jo ba bo amogelang, le gone go abelana maele le ba bangwe gore bone ba dira jang gore ba seka ba iphitlhela ba le mo dikolotong.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 08 Oct 2015