Breaking News

Gagamatsang seteropo - tona

08 Oct 2015

Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o laetse badiri le maloko a makgotla a kabo ditsha go gagamaletsa setoropo Batswana ba ba palelwang ke go tlhabolola ditsha tsa bone gammogo le ba ba inaakantseng le go gweba ka thekiso ya lefatshe.

Rre Maele o ntshitse taelo e mo phuthegong ya kgotla kwa Shoshong bosheng. 

O ne a tlhalosetsa setshaba ka melawana e mesha ya makgotla a kabo ditsha le dikgwetlho tse lephata la gagwe le lebaneng natso.

A re e re ka Batswana bangwe ba inaakantse le go gweba ka thekiso ya lefatshe, go ipaya lefatshe ntleng le tetlelelo ya makgotlana a kabo ditsha le go ikgatholosa go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng, ke sone se palamente e tsereng tshwetso ya gore batho ba ba sa tlhabololeng ditsha tsa bone mo dingwageng tse di masome a mararo ba di amogiwe gore di neelwe Batswana ba bangwe ba ba ka tswang ba tlhoka lefatshe la bonno.

Rre Maele yo a neng a patilwe ke mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele le modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwato, Rre David Modisagape, o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo gore dingwe tsa dikgang tse di apesitseng lephata la gagwe e bile di mo tlhokisa boroko e le tsa tshenyetso setshaba, go aba lefatshe ka tshokamo, go amogela pipa molomo ga badiri le tiego ya go abiwa ga ditsha tsa bonno le dikgwebo.

 

Tona a re e re ka lephata la gagwe le apesitswe ke dikgang tsa tiego ya go abiwa ga lefatshe le tlhaelo ya lone,ke sone se a laetseng badiri ba makgotlana a kabo ditsha go simolola go theogela ka nako ya dijo tsa motshegare le go gapa ditsha tse di fetogileng matlotla.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Shoshong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Oct 2015