Breaking News

Baruti ba ema ka dinao

08 Oct 2015

Baruti ba dikereke tse di farologaneng  kwa Makopong  mo kgaolong ya Kgalagadi ba abetse batlhoki dijo le diaparo.

Go ya ka Moruti Margret Phologo wa kereke ya First St. Peter ba ne ba gwetlhiwa ke go bona bangwe ka bone ba tshelela mo botlhoking jo bo ngomolang pelo.

Moruti Phologo a re ba bone go tshwanela gore ba nne sekao ka  go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato.  O ne a  nopola mafoko mangwe a Baebele a a reng ‘rata mongwe ka wena jaaka o ithata.”

A re baruti  ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go koleka  madi a ka one ba ka kgonang go thusa batho bao.

 Moruti Phologo o kaile fa gape ba ne ba kopanetse  thulaganyo eo le ba boipelego ba e leng bone ba neng ba tlhopha batlhoki ba ba ka abelwang.

O kaile fa ba ne ba abela batlhoki  ba le barataro  dimpho tse di akaretsang dijo, melora le dijana tse di lopileng madi P1000.

O supile fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, a re  baruti ba tshwanelwa ke go di goga kwa pele mo go supeng lerato mo  setshabeng  ka tsela ya go aba a kaya fa motho a tshwanetse  go amogela lefoko la Modimo a tsogile sentle ka go ja le go tlhapa.

Moruti Phologo  a re go na le  ba-na-le bogole le balwala tlhaloganyo mo motseng oo  ba ba ikaelelang go fitlhelela kwa go bone mo nakong e e tlang ka  go ba abela dimpho dingwe.

O kaile fa gape ba simolodisitse bokopano jwa baruti jo bo  tlaa ba kgontshang go tsamaya mo motseng oo ba etela balwetse mo malwapeng.

A re  ka lone letsatsi leo  moruti Thunga Chimbombi wa kereke ya UCCSA go tswa kwa Kumakwane   o ne a etelela pele go tshubiwa ga dikerese le gone go  abela batlhoki mo letsatsing leo ba ne ba tshuba dikerese mo kgotleng e le tsela nngwe ya go gopola bone ba ba tlhokileng lesego mo botshelong  le bangwe ba ba lwalang ka ntlha ya go tsenwa ke mogare wa HIV  le bolwetsi jwa AIDS.

Moruti Phologo o ne a gwetlha baruti, batsaa-karolo botlhe   mongwe le mongwe go ema ka dinao ka go nna le seabe mo go nyeletseng go tsenwa ke magare o mosha ka seo se ka thusa mo go fitlheleleng lengwe la matshego a Tebelopele ya  2016, a tshaba e e tsogileng e bile e itekanetse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Makopong

Event : Potsolotso

Date : 08 Oct 2015