Bogodu jwa motlhaba bo a tshwenya kwa Moshupa
07 Oct 2015
Go epiwa ga motlhaba mo go seng ka fa molaong go a tshwenya.
Mookamela mapodisi a Moshupa, Superintendent Oneetse Gagogosha borukutlhi jo bo diragala kwa Moshupa le metsana e e mabapi e e akaretsang Leropong, Lotlhakane West, Mahatelo le e mengwe le ntswa diteseletso tsa go gweba ka motlhaba di santse di emisitswe. A re go tloga ka Hirikgong go tsena ka Phatwe ba setse ba gatisitse dikgang tse di fetang tsa ngogola.
O boleletse mo potsolotsong gore ba tshwaragane le namane e tona ya tiro go lwantsha borukutlhi joo, segolo jang ka dinako tsa bosigogare.
Rre Gagogosha a re go lemosegile fa banni bangwe ba metsana e bogodu bo diragalang mo go yone ba na le tirisano le manweenwee a go nna jalo.
A re ba setse ba ntshitse mapodisi mangwe mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi gore ba lebagane le go disa melapo e go utswiwang motlhaba thata mo go yone.
Rre Gagogosha o ne a ba a tlhalosa gore e rile mo bosheng ba lekalana la sepodise la Air Support Base ba ba tshologa mokgosi mo letsholong la go tsoma magodu a motlhaba.
A re mo selekanyong sa oura ba gatisitse dikgang di le nne. A re dipatlisiso di supa fa bogodu jo bo dirwa thata ke batswakwa ka jaana bontsi jwa dikoloi tse di dirisiwang mo ditiragalong tse, beng ba tsone e le ba Kenya fa bakgweetsi ba tsone e le ba Zimbabwe.
O kgadile a sa kgwe mathe banni ba ba dirisanang le magodu a metlhaba a re ba itse gore se ba se dirang ke tshenyetso setshaba mme e bile ba tshwanetse go somarela meamuso ya tlholego ka e le bokamoso jwa dikokomane tsa lefatshe leno.
A re matlhabisa ditlhong ke gore banni bangwe ba metse e ba ba tshwanetseng go nna matlho a mapodise ba iphetotse dinokwane. O ikuetse mo setshabeng gore se begele mapodise ka ditiragalo tsa borukutlhi ka jaana tshwaragano e le yone fela e ka tsisang phenyo go emisa bogodu.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosana Moirasebe Kgotla wa Letlhakane West a re melapo e setse e le mo seemong se se ngomolang pelo.
“Go setse dikgophu fela fa go kileng ga bo go ema metsi a a neng a re thusa go nosa loruo,” o tlhalositse jalo.
Godimo ga moo a re dikoloi tse di dirisiwang mo borukutlhing jo, di tla di rwele matlakala a a borai a a tshwanang le metseto ya bana le tse dingwe tse di kgotlhelang tikologo.
A re seemo se se baya botsogo jwa bone ga mmogo le leruo mo diphatseng.
“Dikgomo tsa rona di lwala bolwetse jwa mabele ka ntata ya leswe le di le jang mo metsetong e,” ga wetsa Rre Kgotla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : Moshupa
Event : Potsolotso
Date : 07 Oct 2015






