Breaking News

Lemme ga le bolae

08 Oct 2015

E rile morago ga go fetsa mophato wa botlhano kwa Lotsane ka 1996, Mme Oiketile Gobonwang a fudugela kwa toropo kgolo Gaborone ka tsholofelo ya gore o tlaa feta a bona tiro gore le ene a kgone go oba letsogo.

Mme Gobonwang a re o ne a seka a ipona tsapa, moso le moso a kubuga a tsena mo madirelong ka go farologana a batla tiro mme a sa e bone.

A re e ne e re fa a re o segofetse a bo a bone tiro ya nakwana. Mme Gobonwang yo jaanong a leng dingwaga tse di masome a mararo le bone a re go tsoga ga gagwe ga letsatsi le letsatsi go ne ga felela go mo kokonela ka a ne a sa bone se a se batlang.

A re e rile ka ngwaga wa 2009 a boela gae kwa e rileng a tsena teng a seka a nna fela.

O boletse gore o ne a ipulela semausu mo lwapeng a rekisa dimonamone, dichips le diunits gareng ga tse dingwe. Mme Gobonwang a re lemme le kgwebo ya gagwe e le mmusetsang le tokafatsa botshelo jwa gagwe thata.

A supa fa mo nakong ya gompieno a na le bana ba le bane mme mo go bone ba le babedi a ba itsenyetsa sekole ka bonyennyane joo fa ba bangwe ba santse ba ise ba tsene sekole.

A re o kgona go ba duelela sekole, go ba rekela paka ya sekole, melora ga mmogo le dijo.

Mme Gobonwang o supile fa a ikiteile sehuba gore kgwebo ya gagwe e seka ya phutlhama. A supa fa gape a le pelotelele e bile a le lorato mo bareking ba gagwe.

A re gape ga a ke a letlelela seemo sepe go mo raela gore a felele a dirisitse madi mo ditirong tse di sa lebanang.

Mme Gobonwang o ne a rotloetsa banana ba bangwe gore ba seka ba nyatsa dikgwebo tse dipotlana a re fa ba sa bone ditiro tsa sennela ruri ba inaakanye le dikgwebo tseo go inamola lehuma.

O ne a kgala bontsi ja banana ba ba ineeletseng go nna kwa ditoropong mme ba sa bereke a re ke bone ba e reng ka moso ba bo ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka bogodu le go gweba ka mmele.

E ntse e le kwa motseng wa Moshopha, mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Oduetse Pulankgodise  yo o dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe o supile fa ene a inaakantse le kgwebo ya go rekisa merogo le maungo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Moshopha

Event : Potsolotso

Date : 08 Oct 2015