Breaking News

Basenyapelo o inamola lehuma ka matlalo

07 Oct 2015

Rre Tiroyaone Basenyapelo wa kgotla yoora Mongala kwa Kanye o inamola lehuma ka matlalo.  E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Basenyapelo a tlhalosa gore ka ntlha ya matlalo, lehuma ke selo sa maloba.

O kaile fa botshelo jwa gagwe bo fetogile a sena go fiwa kgwebo ya go dira dilwana tsa matlalo ka lenaneo la nyeletso lehuma.

A re o ne a kopantse tiro ya go baakanya ditlhako le ya Ipelegeng ka letseno e ne e se la sepe nako eo. Rre Basenyapelo a re o ne a inaakanya le go baakanya ditlhako fa a tshaisa kwa Ipelegeng mme botshelo bo le thata.

Rre Basenyapelo, yo o dingwaga di masome mane le bobedi, a re o filwe lenaneo ka 2012 mme a isiwa sekoleng lobaka lwa dibeke tse thataro kwa Molepolole. A re dithuto tse a di amuleng e ne e le tsa go dira ditlhako, mabante le dibeke tsa matlalo. Gape a re o dira dikgwama tsa mogala wa lotheka le tsa dithipa. A re ba nyeletso lehuma ba ne ba mo file didirisiwa di tshwana le dithoko, ditlhale, matlalo le tse dingwe gore a simolole. 

Rre Basenyapelo o direla mo mmolong wa Mongala mo Kanye. O sale a simolola go direla koo ka 2013. A re botshelo bo fetogile ga bo tshwane le fa a ne a direla kwa lwapeng. A re go direla kwa mmolong go na le seabe se setona mo katlegong le kgolo ya kgwebo ka motho o kgona go kgatlhegela dilwana tsa gagwe pele ga a pagama bese ka e bile go na le maemelo a dipagamo gone mo mmolong.

E re ntswa a dira dilwana tsa borre le bomme, o tlhalosa gore bareki ba gagwe thata ke bomme. Rre Basenyapelo a re o lebogela kemonokeng le thotloetso ya ba nyeletso lehuma. A re ba mo tlhola nako le nako e bile ba mo laletsa ditshupo fa di le teng gore a tle go bapatsa dilwana tsa gagwe.

Rre Basenyapelo o dirisa mefuta e le meraro ya go rekisa dithoto tsa gagwe; wa madi kwa pele motho kwa morago; wa go reka o ntsha bontlha bongwe jwa madi mme o ntshe a a setseng kwa morago le wa go reka o beelela dithoto. O tlhalositse fa mofuta o o tsenyang madi thata e le wa go reka o ntsha madi otlhe nako e le nngwe fela e bile bareki ba gagwe ba rata one thata. 

Rre Basenyapelo, yo o nang le bana ba babedi, o tlhalosa fa a dirisa dipoelo tsa gagwe go ba duelela sekole, go ba kgabisa ka Setswana sa re kgakakgolo ke na mebala, mebala e dikgakaneng. 

O tlhalositse fa bontlha bongwe a bo boloka mo posong. 

Le fa kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho, Rre Basenyapelo o buile fa le ene a kopana le dikgwetlho di le mmalwa.

A re kgwetlho e tona ke gore theko e santse e le kwa tlase. O kaile fa e nngwe e le gore o dirisa madi a mantsi nako le nako fa a ya go reka didirisiwa ka o di reka kwa Gaborone. A re o na le bogole mo maotong le mo mabogong, ka jalo o hira koloi gore e mo ise kwa a batlang teng, selo se a reng se a mo kokonela.

O rotloeditse Batswana go inaakanya le mananeo a puso gore ba kgone go inamola lehuma. 

O rotloetsa banana go ikemela ka dinao go kopa madi a banana gore ba ipulele dikgwebo, ba hire ba bangwe go lwantsha letlhoko la ditiro le le ba apesitseng kobo ka letshoba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 07 Oct 2015