DTC e rua sekole sa Dkar
07 Oct 2015
Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Dr Unity Dow, o lebogetse khamphani ya Diamond Trading Company (DTC) go tsaya sekole sa D’kar mo kgaolong ya Ghanzi.
Tona Dow o ne a etetse sekole seo le ba DTC go lekola le gop bona gore se ka thusiwa jang ka gore maduo a sone a lekwalo la bosupa a ntse a le kwa tlase mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng..
Tona o ne a kopa mogokgo go tshwaragana le barutabana gore ba kgone go tokafatsa maduo. A re thuto ke boswa jo bo sa feleng. A re khansele le yone e tshwanetse go ema ka dinao go thusana le barutabana.
Tona a re mogokgo, lephata la thuto mo Ghanzi le khansele fa ba ka dirisana sentle le go sekaseka mathata a a ka tswang a ama maduo a sekole seo gongwe maduo a ka tokafala.
Tona Dow a re sengwenyana se teng se se ka tswang se dira gore maduo a wele tlase.
E rile leloko la khuduthamaga e e tsamaisang DTC, Rre Neo Moroka a ntsha la gagwe, a tlhalosa fa DTC e tsaya sekole sa D’kar dingwaga tse tlhano lephata la thuto le sena go kwalela ba kwalela go kopa dithuso.
Rre Moroka a re fa lephata la thuto le kopela dikole dithuso kwa khamphaning ya bone ba ba romelela sengwe le sengwe se se tlhokafalang sa dikole tseo le maduo a ditlhatlhobo. Ka jalo DTC e bona go le botlhokwa go tsaya sekole sa D’kar e lebeletse maduo a sone.
Rre Moroka a re fa ba sena go kanoka sengwe le sengwe mo sekoleng ba bona gore go tlhokana leng ke gone ba yang go tsenya kopo ya madi A re khamphani eo e leka go tlhabolola thuto ya bana mo lefatsheng leno ka bophara, ka jalo le bone barutabana le batsadi ba tshwanetse go nna le seabe mo thutong.
E rile Mogolwane mo lephateng la thuto mo Ghanzi, Mme Mafoteng Mahole a ntsha la gagwe, a tlhalosetsa tona le ba DTC fa sekole seo se butswe ka 1965, mme se ne se tsamaisiwa ke kereke ya Dutch Reform.
Mme Mahole a re sekole se ne sa tsewa ke puso ka 1973 go se tsamaisa. Se na le bana ba le 565, basimane ba le 266 le basetsana ba le 299. Mme ba ba nnang mo sekoleng ba 79.
Mogolwane yoo a re mosepele wa bone wa go tlhabolola maduo mo o bokete ka ntata ya gore bana bangwe ga ba utlwe Setswana fa ba rutwa.
Mme Mahole a re seo se senogile fa ba Thuto Isago ba sena go dira dipatlisiso tsa go bona gore maduo a dikole tsa kgaolo eo ke eng fa a wela tlase. A re ba Thuto Isago ba ne ba kopa gore go nne le barutabana ba ba tlhaloganyang Sesarwa le Setswana e nne bone ba ba thusang go ranola.
Mogolwane yoo a re lephata la thuto le ne la tsaya boikarabelo jwa gore barutabana bao ba nne teng go thusa bana ba ba sa tlhaloganyeng Setswana gore ba kgone go tswelela sentle mo dithutong. Mme Mahole a re kgwetlho e nngwe ke bana ba ba sa tseneng sekole sentle le ba ba tlogelang sekole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Loeto
Date : 07 Oct 2015






