Breaking News

Mananeo a tshegeditse Mokobeng

07 Oct 2015

Batswana bangwe ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng go itshetsa le go tlhabolola dikgaolo tsa bone. 

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokobeng kwa Tswapong, Mme Dorothy Podiso a re itsholelo ya Mokobeng e a phophoma ka ntlha ya Ipelegeng le lenaneo la nyeletso lehuma.  

A re ba dirisa Ipelegeng go tlhabolola motse jaaka go aga matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba a hirisetsang badirelapuso.

A re le ntswa lenaneo le e se la sennelaruri, le thusa banni ka lemmenyana gape le thusa go phepafatsa motse ga mmogo le go ntshafatsa dikago tsa puso

O ne a tlhalosa fa go na le batho ba le babedi ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng, a supa fa ba reka dijo tsa teng mo mabetleleng le dimausu tsa motse, ka jalo se se dira gore madi a amoganwe fela mo motseng.

Le fa go ntse jalo Mme Podiso a re o tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa banana ba ba berekang Ipelegeng, a re o ipotsa gore ke eng ba sa kope mananeo a mangwe a nyeletso lehuma kana lenaneo la banana la go itshimololela kgwebo ba tlogelela bagolo Ipelegeng.

Tsamaiso ya Ipelegeng ya motse wa bone ke gore batlhoki ba berekele ruri ka se se ka ba fokoletsa manokonoko a lehuma.

Mme Podiso a re ba na le batlhoki ba le bararo ba ba berekelang ruri e bile ba dumalane le batlhoki bao gore kgwedi le kgwedi go tsewe makgolo a mabedi a dipula mo dituelong tsa bone gore ba rekelwe semente gore le bone ba tle ba nne le matlo a a botoka. 

O ne a lebogela lenaneo la Tirelo Setshaba a re le lone le na le seabe mo itsholelong ya motse.

Le thapile banana ba le masome mabedi mme ba direla kwa kokelwaneng, kgotla, ofisi ya molemisi le dikole tsa Mokobeng ka bobedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mokobeng

Event : Potsolotso

Date : 07 Oct 2015