Breaking News

Moletlo wa Domboshaba o supa kgatelopele

07 Oct 2015

Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ngwao wa Domboshaba, o supile kgolo le tokafalo ka jaana monongwaga go ne ga nna le metseletsele ya ditiragalo pele ga letsatsi le legolo la moletlo oo.

E ne ya re mo malatsing a le mabedi pele ga letsatsi la moletlo la Phalane a le malatsi a le mararo, ga nna le ditiragalo dingwe tse di neng di akaretsa maitiso a ngwao, dikgaisanyo tsa mabelo, le metshameko ya dibolo ka go farologana.
Mongwe wa barulaganyi ba moletlo wa Domboshaba, Rre Mmoloki Malei a re e re ka jaana metshameko le ngwao e le di ya thoteng di bapile, barulaganyi ka tshwaragano le ba lephata la banana, metshameko le ngwao ba ne ba bona go tshwanela go simolodisa dikgaisanyo tsa metshameko ya kgwele ya dinao tse di bidiwang Domboshaba Tournament.

Fa a bua mo potsolotsong, Rre Malei o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go atumetsa metshameko kwa bathong bogolo jang banana le go ba tsenya mowa wa go inaakanya le metshameko.

A re go lemogilwe fa metshameko e le botlhokwa mo matshelong a batho fa go lebeletswe mo tshidilong ya mebele le gone go rotloetsa botsalano le mowa wa kgaisanyo magareng ga batshameki le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ga tsone. Rre Malei a re go a itumedisa go bona monongwaga go nnile le metseletsele ya ditiragalo go tlhagolela moletlo oo tsela.

Go tlhalosiwa fa metshameko eo e ne e rotloediwa ke lephata la banana, metshameko le ngwao le le ntsheditseng kgaisanyo eo P30 000, fa mabelo one a rotloeditswe ke First National Bank ka P180 000 go dirisiwa mo kgaisanong eo mo dingwageng tse tharo ka tatelano go simolola ka kgaisano ya monongwaga.

Metshameko e e neng e le teng go jesa matlho a babogedi monate ke kgwele ya dinao, bolotloa le tse dingwe jaaka volleyball, mme bafenyi go tswa mo metshamekong eo ba ne ba iponela P3 000, mme ba maemo a bobedi ba ikgapela P2 700, fa ditlhopha tsa maemo a boraro le bone di itswetse ka P2 300 le P2 000.

Mo motshamekong wa kgwele ya dinao, bommampodi ba kgaisano ya Domboshaba, e nnile setlhopha sa Nswazwi, se longwa serota ke sa Vukwi, fa ditlhopha tsa Tumediso go tswa Matshelagabedi le sa Nshakashogwe tsone di dule ka maemo a boraro le bone ka go latelelana ga tsone.

Mo motshamekong wa netball, maemo a ntlha a tserwe ke setlhopha sa Mambo, fa a bobedi a gapiwa ke sa Milikani Netball Club go tswa Kgari, fa maemo a boraro le bone a tserwe ke Happy Hearts go tswa Ditladi le Kulenyane go tswa Matshelagabedi ka tatelano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Masego Tabengwa

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 07 Oct 2015