Ba ga Ngwaketse ba tlaa ipelela ngwao
06 Oct 2015
Modulasetilo wa Mmakgodumo Heritage and Cultural Festival, Rre Tsietsi Kebualemang, o kopile Bangwaketse go ipaakanyetsa malatsi a ipelelo ngwao ya bone. E rile a bua mo phuthegong kwa kgotleng yoora Segotshane bosheng, Rre Kebualemang a tlhalosa fa ipelelo ngwao ya monongwaga e tlaa tsaya malatsi a le mararo.
O tlhalositse gore moletlo o tlaa simolola kgwedi ya Phalane e le malatsi a le lesome mme e fele Phalane a le malatsi a le lesome le boraro.
A re ba bone go tshwanela gore moletlo o nne malatsi a le mararo gore Bangwaketse ba je monate.
Rre Kebualemang o tlhalositse fa ba tlhophile kgwedi ya Phalane ka ditlhare di tlaa bo di thuntse go ntse go ntle e bile go kgatlhisa. Rre Kebualemang o tsweletse a bua gore go tlaa bo go o sha legong go sala molora ka malatsi a moletlo oo.
A re ba tlaa bo ba dira ditshupegetso tsa ngwao ya Sengwaketse.
O buile gore go tlaa bo go tlhabiwa mainane, go bokiwa, go binwa mmino wa setapa, phathisi, dikhwaere, go tshamekiwa metshameko e tshwana le koi, morabaraba, diketo le go letsa setinkane. A re gape go tlaa bo go supiwa ditiro tsa Setswana di tshwana le go thuga mabele, le go betla ditilo tsa dikgole.
Rre Kebualemang a re monongwaga go tsenwa ka P20 tlhogo ya motho ka Labotlhano le letsatsi la Tshipi.A re koloi le yone e duelelwa P20.
O tlhalositse fa bagwebi ba ba tlang go supa dithoto tsa bone ba tlaa duela P250, fa ba ba rekisang dijo bone ba tlaa duela P400. O tlhalositse gore barekisi ba dijo ba tlaa letlelelwa go rekisa dijo tsa Setswana fela ka malatsi ao ke a ipelelo ngwao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Oct 2015






