Breaking News

Sediegeng o bolotsa letsema

06 Oct 2015

Motshwarelela bogosi jwa ga Gammangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, o gakolotse setshaba go sala morago methale e mesha ya temo ka a re dipaka di fetogile. Kgosi Kgamane o buile se, fa a bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Matlhatso. 

A re jaaka e le tlwaelo ya ngwao ya Sengwato, letsatsi la Tshipi la ntlha la kgwedi ya Phalane go bolotswa letsema.

Kgosi Kgamane o tlhalositse fa dipaka di fetogile, ka jalo a rotloetsa morafe go sala morago methale e mesha ya temo ka e le yone e e ka ba tswelang mosola. O ba gakolotse gore ba inaakanye le balemisi ba kope thuso gore ba ba fe dithuto ka dijwalo tse di lebaganeng dipaka tsa segompieno le go ne gore ba ka lema jang dijwalo tsa bone.

  Kgosi o ne a re balemisi ba botlhokwa ka ba ka ba fa maele ka temo e e tlhabologileng ga mmogo le dijwalo gore ba kgone go bona thobo e e nametsang.

“Dipaka di fetogile le ka fa go lengwang ka teng go tshwanetse ga fetoga, a re saleng morago dikgakololo tsa balemisi,” ga tshwaela kgosi.

E rile fa a bolotsa letsema, Kgosi Kgamane a gakolola morafe fa nako e gorogile ya gore ba tswele kwa ntle ba ye go baakanya kwa masimong a bone, ba epele mapako a a dikileng a ole, ba phuthe tsotlhe tse di tlaa tlhokafalang ba ipaakanyetse temo gore fela fa pula ya ntlha e phaila ba bo ba simolola go lema. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Go bolotsa letsema

Date : 06 Oct 2015