Maloko a St Phillips a kopiwa go nna sekao
06 Oct 2015
Maloko a kereke ya St Phillips Faith Healing Church a kopilwe go nna sekao ka go dira dilo tse di molemo. Se se builwe ke mogolwane wa tsa thuto wa meepo ya Orapa, Letlhakane le Damatsha, Rre Fidelis Machola, ka kwa moletlong wa pulo ya kereke eo bosheng.
Rre Machalo o kopile maloko a St Phillips gore ba ikgaphe mo dilong tse di ka senyang seriti le boleng jwa kereke gore kereke ya bone e tle e gole.
O tsweletse a re go aga kereke ga go simolole ka St Phillips a re mo lekwalong la Baebele la Dikgosi 6:11-13 le supa gore lentswe la Modimo le ne la tla kwa go Solomon la re kereke e o e agang e fa o sala morago ditaelo o di ela tlhoko, o tshegetsa melao e e lesome ke tla diragatsa ditsholofetso tse ke di fileng rrago.
Rre Machola a re o tshwenngwa ke go runya le go thubega ga dikereke mo go diragalang mo lefatsheng segolo jang mo kgaolong ya Africa.
A re go runya mo ga dikereke go bakiwa ke bogagaru, bopelotshetlha, go tlhoka kitso le tebelopele e e siameng ,a re batho ba le bantsi ga ba a ithuta mo go Judas yo o rekisitseng morwa motho ka lebaka la madi.
Rre Machola a re malatsi ano dikereke ga di sa tlhole di dirisiwa go galaletsa lefoko la modimo le go rapela,mme le dirisiwa mo dilong tse dintsi tse di fapogileng jaaka sepolotiki,tiriso ya ditagi le dilo tse dingwe fela tse di maswe.
O bile a kgothatsa maloko a kereke ya St Phillips go ntsha moneelo a re mongwe le mogwe o roba se a se jadileng ,a re motho o tshwanetse go neela se a se akantseng mo pelong ya gagwe .
Rre Machola a re modimo o rata motho yo neelang ka monyenye, ka jalo a mo segofatse go menaganye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Pulo ya kereke
Date : 06 Oct 2015






