Se rwaleng matsogo mo tlhogong - Ralotsia
07 Oct 2015
Tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia, o gakolotse balemi-barui gore ba seka ba tsenwa ke mowa wa boitlhogo morago ga dipego tsa gore pula ya monongwaga e tlaa dika e le boutsana.
Fa a a bua kwa moletlong wa go leboga barotloetsi ba ditshupo tsa temo-thuo tse di neng di thswaretse mo Gaborone bosheng, o ne a tlhalosa fa dipego tseo di ka tswa di na le boammaaruri, mme balemi-barui ba tshwanetse go tia moko ba ipaakanyetsa go dirisa marothodi a a tlaa nna teng.
A re lephata la temo-thuo le tshwanetse go ema ka dinao go thusa balemi go tswa ka maano a gore dijo di ka ntshiwa jang.
Rre Ralotsia o lebogetse bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi mo seabeng sa go ikamanya le lephata go thusa balemi. A re fa ba tshwaraganetse kgetsi le ba temo-thuo di ka ntsha maduo a a botoka go lebeletswe dikitso tse ba nang le tsone.
O ne a iteela legofi barotloetsi ka kakaretso, bogolo segolo ba Debswana ka ba agile loobo lo go tlhatlhobelwang disupiwa mo go lone le masaka.
A re go le gontsi go tshanetswe go dirwa go tlhabolola lefelo la ditshupo le le mo setsheng seo se se bophara jwa 82 hectares.
Rre Ralotsia a re go tlhokafala gore go logwe maano a gore go dirwe ditlhabololo tse di ka tsenyetsang lefelo le madi jaaka matlo a boroko le ntlo lohalahala ya disupiwa.
Mogolwane wa tsa kanamiso mafoko kwa Debswana, Mme Esther Kanaimba-Senai, yo o neng a bua mo boemong jwa barotloetsi, a re khamphani ya bone e lemoga botlhokwa jwa go thusa mhama wa temo-thuo ka jaana o ka thusa go kabakanya itsholelo e e sa ikaegang ka diteemane.
A re ngwaga le ngwaga Debswana e ntsha P700 000 go rotloetsa ditshupo le balemi-barui go tsaya karolo mo go tsone. O gateletse botlhokwa jwa gore Batswana ba tlhoafalele temo ka jaana diteemane ke meamuso ya tlholego e e felang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Gaborone
Event : Moletlo
Date : 07 Oct 2015






