Breaking News

Dunns e abela Lobatse

06 Oct 2015

Mogolwane  mo khanseleng ya Lobatse, Mme Elsie Kopi o lebogetse  badiri ba lebentlele la Dunns go abela  ba ba tlhokileng lesego. Badiri ba Dunns kwa Lobatse ba ne ba abela lephata la boipelego  diaparo gore ba di abele ba ba maleba. 

Mme Kopi a re go dira jalo go supa gore Dunns e utlule mokgosi wa ga Tautona wa gore  go thusiwe ba ba tlhokileng lesego, a tlatsa ka go re Dunns e supa gore e tshela le  Batswana. 

Mme Kopi are badiri ba Dunns ba diragaditse molao wa Modimo o o reng rata mongwe ka wena jaaka o ithata. 

A re Modimo o tlaa ba okeletsa.  E rile a  aba diaparo tseo,  mothusa mookamedi wa Dunns,  Mme Bophelo Batlanang a bolela gore dilwana tseo di akaretsa diaparo, ditlhako le dibaga le maseka. 

Diaparo di ne di le makgolo mabedi, masome a mabedi le boferabobedi mme di lopile dikete tse di masome a mabedi le boferabongwe tsa pula. A re ba tlaa tswelela ka mowa oo wa go abela ba ba tlhokileng lesego. 

E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Woodhall, Rre Molaodi Mantle a re Dunns e supa kutlwelobotlhoko, lorato le gone go kgathala. A re mowa o o ne o ntse o le teng mo Batswaneng ba thusana, a afa sekai ka mafisa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Kabo Dimpho

Date : 06 Oct 2015