Breaking News

Ba Kanye ba iteela puso legofi

06 Oct 2015

E re ka puso e phutholotse letsogo go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro, banni bangwe ba Kanye ba inaakantse le  mananeo go itlhotlhora lehuma. Bangwe ba ba akotseng mananeo ao ba tlhalositse mo puisanong bosheng gore fa e sale ba bona dithuso, matshelo a bone a fetogile ka ponyo ya leitlho ka ba kgona go tshela jwa dikeletso tsa bone.  

Mananeo a a akaretsa Ipelegeng, thuo ya dipodi le go hirisa ditante. 

Monana mongwe wa kgotla ya ga Mafhikana, Rre Othusitse Ramogerita o tlhalositse fa pele e ne e le motho wa go nwa bojalwa nako tsotlhe ka go ne go se na se a se dirang. 

A re o ne a bala ka mananeo mo bukeng mme a seka a ipona tsapa, a ema ka dinao a ikopela dipodi. 

O tlhalositse gore o filwe dipodi di le masome mabedi ka 2007 ke ba lephata la banana, metshameko le ngwao. 

Rre Ramogerita, yo o itsegeng ka leina la Tshwana, a re o tshela botshelo jo a saleng a bo eletsa e sa ntse e le kgwa mashi. A re toro ya gagwe e ne e le thuo. O filwe tse dinamagadi di le masome matlhano fa tse ditonanyana di le pedi. 

Gompieno dipodi tsa gagwe di masome a a ferang bongwe le bone. Ka e le motho yo o ratang thuo, a re o rekile dinku tse gompieno di leng lesome le borefabongwe. 

O tladitse ka gore re “re rekile le dikgomo di le nne le dikoko”. 

O buile a sa kgwe mathe ka tiro e ntle e e dirwang ke puso ka go tlhotlhora Batswana lehuma. A re gompieno ke monna fela yo o setseng a simolotse go tlhabolola setsha sa gagwe. 

O tladitse go re o dirisa dipoelo tsa gagwe go apesa le go duelela bana ba gagwe sekole. Rre Ramogerita a re puso e mo eme nokeng ka go reka dipodi mo go ene. 

O tlhalositse gore o setse e kile a rekisetsa banana ba le barataro dipodi di le masome matlhano le boraro. 

Rre Ramogerita a re kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke ya malwetse a dipodi.  A re malwetse a gaitse dipodi di le lesome le boferabongwe le dipotsane di le lekgolo. Le ntswa malwetse a gaila loruo lwa gagwe, a re se ga se mo kgobe marapo le eseng ka a tsene mo thuong ya dihutshane a itse gore o tlaa kopana le dikgwetlho. 

Rre Ramogerita, yo o ruelang kwa masimong a Diphawaneng, a re lorato ke makgonatsotlhe mo dikgwebong ka go farologana ka lo rotloetsa motho gore a seka a itlhoboga fa a kopana le dikgwetlho. 

“Ke rotloetsa banana gore ba tsibogele mananeo a puso ka a tlaa fetola matshelo a bone go menagane. 

Ke ba kopa gore ba tlogele boitseme gape ba tlogele ditagi ka gore ga di na maduo a mantle le e seng,” ga bua Rre Ramogerita. A re kgwebo e mo fapha mo dilong tse di duleng mo tseleng di tshwana le bogodu kana tiriso ya ditagi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2015