Breaking News

Matlakadibe badiragatsi ba motia

06 Oct 2015

Matlakadibe ke setlhopha sa mmino wa setso sa borre ba le babedi le mme a le mongwe ba maikaelelo a bone e leng  go tsosolosa ngwao le go tlosa batho bodutu.   

Setlhopha se, se tlhamilwe ke Rre Emmanuel Motateng yo o ngwaga tse di masome mabedi le boferabobedi yo o tlholegang kwa Mopipi e bile e le mo-na-le bogole. Se simolotse ngogola ka Motsheganong  mme ba simolola kgatiso ngwaga ono o simolola. 

Rre Molateng o tlhalositse fa ba tlaa golola kgatiso ya bone ya ntlha e e bidiwang Sephonono e ba e dirileng le ba Bullet Music Productions kgwedi eno e ya fifing.  

Rre Molateng a re pele ga a tsena mo mererong ya tsa mmino o ne a disa dikgomo tsa ga rraagwe e bile a beile mo go tlhokomelweng ke batsadi, mme a supa fa mo nakong ya  gompieno a kgona go thusa mo lwapeng. 

O tlhalositse fa a sale a ntse le lerato la mmino wa setso go tswa bonnyeng e bile a diragatsa ka pelo yotlhe le mororo a lapa ka bonako ka ntata ya bogole. O tlhalosa fa thotloetso e le kwa godimo ka ba bidiwa go diragatsa mo meletlong ya manyalo, ya matsalo le pulo ya madirelo. 

A re melaetsa ya dipina tsa bone e remeletse thata mo kgokgontshong ya basadi le bana le botlhoka tsebe jwa banana. 

Pina ya ntlha mo kgatisong ke ya madume, le go ithekisa mo setshabeng. O tlhalositse fa ba e dirile le Gong Master. A re pina ya bone ya tumediso e nonne ka e na le kitso le letsogwana la mmantswitswidi wa pina ya setso.   

O rotloeditse banana go dirisa talente ya bone, a re e ka nna kgwele, mabelo kana sepe fela se ba se abetsweng ke Modimo. A re ba-na-le bogole jaaka ene ba seka ba baya thata mo dithusong tsa  puso.   Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tachila Kayawe

Location : Mopipi

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2015