Tshomarelo tikologo boikarabelo jwa botlhe
06 Oct 2015
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Justice Nkwane, o gwetlhile Batswana go tsaya maikarabelo a go tlhokomela tikologo go fokotsa kgotlhelesego.
O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la phepafatso tikologo kwa Werda. A re puso e leka thata go rotloetsa phepafatso tikologo le botsogo, mme a re sebe sa phiri ke gore go santse go na le bangwe ba ba dumelang gore phepafatso tikologo ga e ba ame.
O ne a rolela hutshe bagwebi ba babotlana ba ba solang matlakala molemo ka go dirisa mangwe a one mo tirong ya diatla.
Mokhanselara Nkwane a re mekgwa e tshwana le go tshuba matlakala mo go sa laolesegeng e bile go se na kelelelo, go gasagasa matlakala, go utswa le go senya diterata tsa mafelo a tlhokomelo matlakala le e mengwe go kgotlela tikologo le gone go baya batho le diphologolo mo diphatseng.
Khansele ya kgaolo potlana ya Tsabong e thapile babereki ba le masome mabedi le motso go tsaya matlakala ka dikotsekara, ba tshwaraganetse tiro le badiri ba le lekgolo le masome a mabedi le bosupa ba ba thapilweng ka lenaneo la Ipelegeng.
Le fa go ntse jalo, Rre Nkwane a re khansele e le nosi e ka seke e kgone, ka jalo a rotloetsa tirisano mmogo ya morafe go thusa mo phepafatsong tikologo.
E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele potlana ya Tsabong, Rre Meleko Thumpe a gatelela botlhokwa jwa go itshekatsheka le gone go akanya se se ka tsisang pharologanyo mo tikologong. Mokhanselara Thumpe o supile fa tiro e ka nna motlhofo fa mongwe le mongwe e ka nna lepodisi mo tikologong ya gagwe, e re a bona se se fatlhang a kgaleme.
Kgosi Keleofile Phihadu o ne a supa boitumelo go bo tiro e e tshwaretse mo motseng wa gagwe.
O ne a rotloetsa morafe go tshwaraganela tiro ya go tlhokomela tikologo le puso go fema malwetse a a bakwang ke tikologo e e kgotlhelesegileng, go ntlafatsa tikologo gore e seka ya koba bajanala le gone go aga tshaba e e itekanetseng.
Kgosi Phihadu o akgotse ba ba tsweletseng ka go supa botsipa jwa go busetsa matlakala mo tirisong ka go betla, go roka le go bopa mekgabisa.
Metse e e mo kgaolong potlana ya Tsabong e ne e atlholwa go itebagantswe le seemo sa bophepa sa ditsela, madirelo, tlhaga le matlo a boitiketso kwa mabitleng le mafelo a go latlhelwang matlakala mo go one.
Go ne go lebelelwa gape le gore a motse o gore ga go tshujwe matlakala mo go sa letlelesegeng, a go na le ditanka tsa matlakala le matlotla.
Disupiwa tsa tiro ya diatla tse di dirilweng ka matlakala tsone di ne di atlholwa go lebeletswe maikaelelo, boleng, gore sebopiwa se gasa molaetsa ofe le gore a se ka rekwa, ga mmogo le gore se tsere lobaka lo lo kae go dirwa le gore se ya go tsaya nako e e kae se le mo tirisong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : Werda
Event : Moletlo
Date : 06 Oct 2015






