Breaking News

Monana o tlhagisa balekane

06 Oct 2015

Mme Onkemetse Kebabope ke mongwe wa banana ba ba neng ba thusiwa ka lenaneo la YDF ka 2011. Le fa go ntse jalo, kgwebo ya gagwe ya Dry Clean Services ga e sa tlhole e dira. 

Mo potsolotsong bosheng, Mme Kebabope a re le ntswa a ne a dirile ditshekatsheko le ba ofisi ya banana kwa Kanye mabapi le kgwebo ya gagwe, o ne a fekeediwa ke diemo.

A re o bona go le mosola go abelana maitemogelo a gagwe le banana ba bangwe ka jaana Motswana a re, e re go bona bodiba bo jo jeleng ngwana wa ga mmago o bo kakologe. Mme Kebabope a re go tlhoka go boloka madi a makatadimetshe a a neng a ka a dirisa ka nako ya diemo tsa tshoganetso go ne ga babalela kgwebo.  

A re le fa a ne a kwala mo dibukeng tsa madi tsa kgwebo, jaanong o dumela gape gore go kwala moo e ne e se go kwala fela, go ne go tshwanetse go nna le bokao jo bogolo mo ditshwetsong tsa gagwe tsa tiriso ya madi jaaka go reka didirisiwa. 

Monana yoo gape a re go botlhokwa gore fa o le mogwebi o nne o le podimatseba ka gonne se se ka go kgontsha go lemoga gore matshelo a batho a fetoga jang mme le wena o fetole fale le fale kgwebo ya gago gore e tsamaelane le dikeletso tsa bone.

 Mme Kebabope a re go botlhokwa gore monana a itse fela di tloga gore kgwebo e na le maduo a mantle mme ga e bogadi bo gaufi ka jaana go le gantsi a tshwanelwa ke go ralala sekaka pele ga maduo a a eletsegang. Mme Kebabope o gakolotse banana gore ba bapatse dikgwebo tsa bone gore setshaba se itse ka tsone.

O ba rotloeditse gape gore ba somarele madi a kgwebo ba seka ba kgatlhwa ke go reka sengwe le sengwe. 

O kopile banana gore ba nne ba ya go itlatsa kwa dithutong tsa nakwana ka gore seo se ka ba fa botsipa le natla ya go tsamaisa dikgwebo. Mme Kebabope a re go botlhokwa gore banana ba nne ba tsaya maele mo go bommadikgwebo le boradikgwebo ba ba atlegileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Sentle

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2015