Kgosi o kgala boitseme jwa banana
05 Oct 2015
Kgosi Loikotlhae Baitere wa Tshwaane mo kgaolong potlana ya Moshupa a re o tshwenngwa ke dipalo tse di kwa tlase tsa banana ba ba tsayang mananeo a puso a nyeletso lehuma.
O buile jalo mo potsolotsong bosheng a re bontsi jwa banana ba motse wa gagwe ga ba bereke.
Rre Baitere a re o lemogile fa sebe sa phiri e le boitseme jwa banana go ikopela mananeo a puso. Kgosi a re e re ka motsana wa bone e le gone o tlhomamisiwang, o santse o saletse kwa morago ka ditlhabololo, ka jalo ba tsaya ditlamelo kwa Moshupa.
A re banana ba supa letlhoko la madi le tlhaelo ya dipalamo e le mabaka a a ba paledisang go ka ya go ikopela mananeo. Monana wa motse o, Gofaone Ponaka a re o sale a ikopetse go thusiwa ka lenaneo la LIMID ka 2010 nako kgolo ke eno.
A re e le banana ba eletsa go tsaya mananeo gore ba ikinole mo lehumemg, sebe sa phiri ke boitseme jwa bodiredi jwa diofisi tsa banana ka jaana ba sa supe kgatlhego ya go ba thusa le go ba itsese ka tse di tlhokafalang. A re mo nakong e ntsi ba nna fela ka go rubelela matlotla kwa diofising go bolelwa fa babereki ba ba maleba go ba thusa ba tserwe ke ditiro tse dingwe.
A re diemo tse di ba dira gore ba tsenwe ke go itsapa, ka jalo ba kgobege marapo gotlhelele go ka tswelela ba ikopela mananeo.
A re dipampiri tsa ikopelo di kwalwe ka Setswana di bo di tlhofofadiwe gore banana ka kakaretso ba kgone go tlhaloganya tse di tlhokafalang le gore ba kgone go itsenyetsa dikopo ntle le go tlhoka boitseanape jo bo rileng ka jaana bontsi ba se na dithutego tse di rileng.
Monana yo o thusitsweng ka go apaya borotho, Tsietso Rakala a re ga a ise a ke a letlelele dikgwetlho go ka mo kgoba marapo. A re o ne a itoma molomo wa tlase,a botabota kwa Moshupa go netefatsa gore kopo ya gagwe e a atlega. Mogwebi yo a re le fa go na le kgwetlho ya theko e e kwa tlase mo nakong ya gompieno, o bereka ka natla go netefatsa gore o kgona dikeletso tsa gagwe.
O gwethile banana gore ba seka ba ipona tsapa le go nna pelo telele fa ba kopa mananeo. A re ba ititee ka thupana go aramela letsatsi le santse le tlhabetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : Tshwaane
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2015






