Breaking News

La bojalwa ga le fofe

05 Oct 2015

Mmaboitekanelo wa Mahetlwe mo kgaolong ya Kweneng, Mme Kelebogile Motswagole, a re go iphetisa nnotagi ga se selo se se siametseng  botsogo jwa motho, mme e bile go baya lefatshe ka fa mosing. O buile jalo mo potsolotsong bosheng. 

A re e ne ya re morago ga go lemoga fa banni bangwe ba dirisa bojalwa botlhaswa, ba boitekanelo ba phatlalatsa molaetsa wa go fokotsa nnotagi. 

Mme Motswagole a re ba ne ba bolotsa letsholo le ka 2013 ka  tiriso ya nnotagi e ne e setse e kokonela motse. O boletse fa  batho bangwe ba ba itshielang ba ne ba kgona go dirisa madi a a neng a tshwanetse go dira ditiro tsa mo malwapeng kwa nnotaging. 

A re makgetho a le mmalwa go ne go diragala gore badirisi bangwe ba nnotagi ba lwele fa pele ga bana ka mafoko le ka diatla tota, a tlatsa ka go re selo se, ga se a siamela bana. “Ditiragalo tse di ntseng jaana, di kgona go kgokgontsha bana mo maikutlong.

A re bana ba ba golelang mo kgokgontshong, ba kgona gore le bone ka moso ba e dire mo go ba ba tshelang le bone.  “Re tshwanetse go ruta bana ba rona mafoko a a kileng a buiwa ke batho ba maloba a gore ntwa kgolo ke ya molomo”. 

Mme Motswagole a re o itumelela gore melaetsa e ba e beileng mo metseng e e kgatlhanong le tiriso botlhaswa ga nnotagi e ntsha maduo. 

A re boikarabelo bo ntse bo a oketsega mo badirising ba nnotagi, a tlatsa ka go re ba na le moithaopi yo o itebagantseng le go ruta banni ka tiriso botlhaswa ya nnotagi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Mahetlwe

Event : Potsolotso

Date : 05 Oct 2015