Breaking News

Chepete o tshela ka matlakala

05 Oct 2015

Rre Thuto Chepete wa Jwaneng ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore matlakala a ka tshetsa  motho. 

Rre Chepete, yo o dingwaga di masome matlhano, o tlwaelesegile ka go bonwa a inamela letlakala lengwe le lengwe le le mo kgopang mo tseleng, mme a akanye gore o ka le  busetsang  jang mo tirisong gape go dira sengwe se se ka kgatlhang leitlho la moreki. 

O ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ga a tlhabisiwe ditlhong ke go sela matlakala a a akaretsang dipampiri tse di phuthelang dijo, dikgethe tsa matsela le dipampiri ka go farologana gareng ga tse dingwe. 

A re kgwebo ya gagwe e e remeletseng thata mo go direng mekgabisa ka matlakala, o e simolotse ka 2010 morago ga go rutwa  ke mongwe yo o e dirang kwa Mmadinare. 

O ne a tlhalosa fa a kopa dikgethe tsa matsela a a salang mo baroking gore a kgone go dira mekgabisa. A re mekgabisa e mengwe o e dira ka mabotlolo a dinotsididi ka go gabolola a bo a a kgabisa gore a lebege jaaka sethunya. 

Rre Chepete a re kgwebo ya gagwe e mo thusa go lapolosa  tlhaloganyo le go phepafatsa tikologo. 

Kwa lwapeng fa a fetsa go feela, o epela matlakala go a dira manyoro. A re kwa ntlong ya gagwe ga a ke a reka mokgabisa ka o itirela wa gagwe. O ne a tlhalosa gape gore o itumelela thotloetso e a e bonang mo banning ga mmogo le khansele ya toropo ya Jwaneng.

Rre Chepete  o ne a tlhalosa fa ba lolwapa lwa gagwe segolo jang  mohumagadi, Mme Kabelo Chepete, ba mo eme nokeng thata mo kgwebong. 

E rile bosheng a ya go emela toropo eo kwa dikgaisanyong tsa didirisiwa tse di dirilweng ka matlakala mme a tsaya maemo a boraro lefatshe lotlhe. 

E rile bosheng a boa gape a gapa maemo a ntlha kwa letsatsing la go ipelela tikologo e e phepa kwa Jwaneng mme o tlaa ya go emela toropo eo kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tseo kwa Selebi Phikwe.  

Rre Chepete a re o ipelafatsa ka kgwebo eo ka jaana e se na dikgwetlho.  

O tlhalositse fa a ikaelela go inaakanya le mananeo a puso a a ka mo thusang go reka motshine o a ka o dirisang mo kgwebong. 

O ne a gakolola Batswana, segolo jang banana gore ba seka ba iteba dinala, ba lebe tiro ya diatla e  le bokamoso fa ditiro di santse di sa bonale. Rre Chepete a re o bulegetse go ruta mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go tsena mo kgwebong e e tshwanang le ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : Jwaneng

Event : Potsolotso

Date : 05 Oct 2015