Bolwetse jwa mabele bo babalela mmaraka
06 Oct 2015
Mogolwane mo lephateng la matlhoko a loruo, Rre Tumiso Siwela a re bolwetse jwa mabele bo babalela mmaraka wa nama. A re bolwetse jo bo digela mmaraka wa nama kwa tlase, ka jalo a kopa gore bo tsibogelwe.
Rre Siwela o buile se le banni ba Mokgomane bosheng mo phuthegong ya kgotla e ba neng ba e biditse go tsibosa barui ka bodiphatsa jwa bolwetse jo.
A re bolwetse jo bo ama motho le kgomo mme a ba kopa gore ba leke go tla ka tharabololo ya go bo fedisa.
A re mo kgomong bo iphitlha mo dikarolong tse di berekang thata di tshwana le ditlhaa, magetla le mo diropeng.
“Kgomo e e nang le mabele mo nameng ga o kake wa e lemoga, e gola fela e phatsima go fitlhela e e swa ke gone bolwetse jo bo mo nameng bo bonale,” a tlhalosa.
Mo mothong bo nna mo maleng e le seboko.
A re seboko se se boleele jwa dimmithara di supa le go feta mme se na le dikarolwana tse di fetang sekete.
Rre Siwela a re fa motho a ithoma, karolo e ya kgaoga e bo e tswa, mme fa kgomo e kopana le leswe leo, bolwetse bo tsene mo go yone.
A re mo phulong mae ao a nna malatsi a ka tshwara lekgolo, masome a matlhano le boferabongwe a ise a swe fa kwa metsing a tsaya malatsi a le masome a marataro le boferabongwe a santse a tshela.
A re bontsi jwa batho ba ja nama e e nang le bolwetse mme bo gole mo teng ga bone.
O kopile banni gore ba seka ba itlhoma mo nageng ka gore go dira jalo go gakatsa bolwetse jwa mabele.
A re ba ikopanye ba age matlwana a boitiketso bogolo kwa didibeng kana fa matamong gore badisa ba nne le fa ba itlhomang teng go na le go itlhoma fa loruo lo fulang teng. O rotloeditse barui go nna le mowa wa tshwaragano, a re fa ba ka tshwaragana, ba rerisana, ba ka kgona go lwantsha le go fenya bolwetse jwa mabele mo nameng.
Mo go tse dingwe, Rre Siwela o kopile banni go dira dikarata tse di ba supang fa ba ruile, a re mo nakong e e atamelang go tlaa bo go se ope yo o ka kgonang go reka melemo ya loruo a sena karata eo.
O kopile gape barui gore ba seka ba kokotletsa dikgomo ba sa di rwese manyena ka gore fa ba ka di kokotletsa a ka tloga a ba palela go a reka.
Rre Siwela a re ga ba rwesetse morui ope manyena fela ba rutuntsha gore a tsenngwa jang gore morui mongwe le mongwe a itsenyetse.
Mongwe wa banni, Rre Piet Gadiutlwe o ne a leboga Rre Siwela le lekoko la gagwe, mme a mo kopa gore a gatelele ntlha ya gore kgomo fa e fitlhelwa ka mabele mo nameng e a tshujwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omogolo Han
Location : MOKGOMANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Oct 2015






