Breaking News

Mpepumpepu e a ipelegisiwa

06 Oct 2015

E re ka gotwe mpepumpepu e a ipelegisiwa, Mme Tefo Pilane, wa kgotla ya Tidimalo kwa Mahalapye o eme ka dinao go itshetsa ka neo ya gagwe ya go loga le go ntlafatsa moriri.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Pilane, yo o dingwaga tse di masome mane le bone, o tlhalositse fa lorato lwa gagwe lwa go loga lo simolotse a santse tsena sekole se sebotlana sa St Patrick’s mme lwa gola le ene.

O kaile gore morago ga go tsaya dingwaga a tsamaya a loga batho, o ne a ikopela go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma go bula lefelo la go ntlafatsa moriri mme a thusiwa ka 2012. 

Pele ga a thusiwa, o ne a isiwa sekoleng kwa Francistown College of Technical and Vocational Education kwa a neng a rutwa botsipa jwa go ntlafatsa moriri lobaka lwa dikgwedi di le tharo.

Morago ga go fetsa dithuto o ne a simolola kgwebo ya gagwe kwa lwapeng ka Morule wa 2012 mme moragonyana a ya go hirisa lefelo la go ntlafatsa moriri. Mme Pilane o boletse fa kgwebo e tsamaya sentle le fa nako tse dingwe e kgona go ya tlase. Go itepatepanya le kwelotlase ya kgwebo, o boletse fa a fokotsa ditlhwatlhwa kgwedi e fela go oka bareki.

O tlhalositse fa a isitse ngwana wa gagwe sekoleng sa Realic Educational Services kwa Palapye, a mo hiriseditse ntlo a bo a mo rekela dijo. A re gape o kgonne go thusa ngwana wa gagwe yo mongwe gore a kgone go ya mmadikole ka dipoelo tse a di dirang.

Mme Pilane a re Modimo o mo file dimpho tse dintsi di akaretsa go bopa dinkgo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2015